Majalwa a a seng ka fa molaong a a tshwenya
18 Apr 2017
Mothusa Kgosi wa Peleng, Kgosi Tshegofatso Setumo a re ba tshwentswe thata ke majalwa a a seng ka fa molaong mo kgaolong, ka a na le ditlamorago di tshwana le go kgoreletsa bana go ithuta gape a rotloetsa botlhokatsebe.
Kgosi Setumo o buile jaana bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lobatse gape e le tona wa ditswammung, kgotetso le boranyane jo bo sa kgotleleng tikologo, Advocate Sadique Kebonang, kwa Peleng Botlhaba.
A re go le gantsi majalwa ao, a apewa ka go tswakanya ditsompelo tse di borai mo botsogong jwa batho e bile gape a rekisiwa morago ga dinako tse di sa letlelelweng mme go felele go baka dipheretlhego mo banning ba kgaolo.
Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma, le a reng banana ba inaakantse le lone thata mme ba ikgaphile go se go nene mo ditirong tsa botlhokatsebe.
O tsweletse a rotloetsa ba ba neetsweng dithuso tsa nyeletso lehuma go nna ba ba tlhola kgapetsakgapetsa go lemoga dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone go ba thusa gore ba di tsamaise ka mokgwa o o ntseng jang gore ba tle ba atlege go ka tlhabolola matshelo a bone.
Fa a a fa tekodiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya kgaolwana eo, Rre Ontiretse Mosimanewamacha, o ne a supa fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke letlhoko la tiro, segolo bogolo mo letlhakoreng la banana ka jaana ba saila mo mebileng go sena se ba diang diatla ka sone.
Rre Mosimanewamacha o ne a supa gape fa ba tshwentswe ke ditsha tse go sa itseweng kwa beng ba tsone ba leng teng, ka jaana di leswafatsa kgaolo ka bangwe ba latlhela matlakala mo go tsone e bile magodu ba di ntshitse matshwago a ba iphitlhang mo go one.
A re kgwetlho e nngwe ke ya letlhoko la metsi ga mmogo le ditlhwatlhwa tsa Water Utilities go gopa matlwana a boitiketso a a reng mo kgaolong eo ga ba kgone go lepalepana le ditlhwatlhwa tse di beilweng ke ba koporase eo tsa P600.
E rile fa a ema morafe ka lefoko, Advocate Kebonang a supa fa a itse ka selelo sa letlhoko la metsi mo toropong mme a tlhalosa gore puso e ntshitse didikadike tsa madi go goga metsi go tswa kwa Gaborone go tla mo Lobatse.
A re tiro eo e tlaa simolola pele ga ngwaga ono o ya fifing, go tla go namola setshaba mo lenyoreng.
Mo go tse dingwe mopalamente o boleletse banni ka madirelo a matlalo a a tlaa bulwang a re a tlaa tlhamela banni ditiro tsa sennela ruri ka gore go batlilwe moitseanape go tswa kwa lefatsheng la Italy gore matlalo ao a sugwe a bo a dire dithoto dingwe tsa letlalo gone mo Lobatse.
Mopalamente Kebonang o ne a tlatsa ka go re go tlaa agwa mmolo fa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba, a re seo, se tlaa thusa go oka babeeletsi ba dikgwebo ka go farologana go tla go tlhamela banni diphatlha tsa mebereko.
O ne a ba lekodisa ka khamphani ya Milk Afric e e tlaa simololang tiro mo nakong e e seng kgakala, a re e kopanetswe ke khamphani eo le khansele ya Lobatse, ka jalo puso e tlaa nna a ntse a tsenya seatla go thusa go godisa khamphani eo ya mashi gore e tle e thuse go hema letlhoko la tiro mo kgaolong. BOPA
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Apr 2017






