Breaking News

Metshameko e kgoreletsa botlhoka tsebe

18 Apr 2017

Le fa meraka e le lefelo le go ruelwang  mo go lone, ba moraka wa Marulamantsi kwa motseng wa Zoroga mo kgaolong ya Tutume ba bone go le botlhokwa go tlhama setlhopha sa kgwele ya dinao e le tsela ya go itshidila maikutlo gape e le go itsa banana go tsaya karolo mo nnotaging.

Morulaganyi wa tsa komiti ya setlhopha sa Marulamantsi FC, Rre Lebani Makosha o tlhalositse fa moraka wa Marulamamntsi o tlwaelesegile ka dintwa, dipolaano le borukutlhi ka go farologana ka go nowa thata majalwa a setso a a dirwang mo malwapeng.

O buile seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng.  

A re mopalamente wa kgaoo ya Nata-Gweta Rre Polson Majaga o ne a ba ema nokeng ka go ba abela paka le dibolo tse tharo tse ba di dirisang mme morago ba batle lefelo la ithutuntsho ngwaga o o fetileng.

A re le dikgosi go tswa ko Nata ba ba eme nokeng ka dikgakololo tsa go tshwara fela ka thata mo motshamekong oo.

“Banana ba bantsi mono, ka jalo re tlhamile ditlhopha di le pedi gore re kgone go fana motshameko sentle,” a tlhalosa.

Rre Makosha a re se se thusa banana fela thata ka ba batla gore ba seka ba nna le nako ya go jewa ke bodutu mme morago ba felele ba itshietse majalwa a a borai a setso.

O tlhalositse fa kgwele ya dinao e le motshameko o o agang motho gape o thusa ba le bantsi ka go itshidila gore botsogo jwa bone e felele e le jo bo siameng.

A re ba bona nako ya go ya mabaleng fela maphakela fa ba sena go bolotsa leruo.

A re o lemogile fa go na le phetogo e ntsi fela thata ka dikgang tsa dintwa le bogodu ja leruo di ile ko tlase mo tikologong ya moraka wa bone.

O tsweletse ka go tlhalosa fa motshameko oo, o ba tlhabolola ka ba tle ba kope metshameko ya botsalano mo ditlhopheng tse dingwe tsa motse wa Zoroga. BOPA

Source : BGCIS

Author : Joseph Tlholego

Location : Zoroga

Event : Potsolotso

Date : 18 Apr 2017