Breaking News

Masisi o akgola kereke ya ABFGC

17 Apr 2017

Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi a re puso e rata ka fa ba kereke ya African Born Full Gospel Church (ABFGC) ba dirang ka teng ka ba ikaegile ka go aga motho.

A re ga ba tshwane le dikereke tse dingwe kana makgotla mangwe a tumelo a a berekang go kopanela go rotloetsa dintwa ba ikaegile ka leina la tumelo.

O buile jaana fa a ne a bula semmuso moletlo wa paseka wa kereke eo kwa Ratholo ka Labotlhano yo o Molemo.

Rre Masisi o ne a rotloetsa maloko a ABFGC go tswelela ka mowa wa go bopa setshaba o go supagalang o agile mo dipelong tsa bone.

A re ba kereke ya ABFGC ba itebagantse le go aga Batswana ka mo nakong eno go supagala fa ba kgona go nyadisa mo kerekeng.

A re se se supa fa ba aga malwapa.

Rre Masisi o ne a akgolela kereke eo go bo e na le thulaganyo le tsamaiso e e tlhamaletseng mme seo e le nngwe ya tse di betlang kagiso.

O ne a supa fa lefatshe leno le tsamaya ka thulaganyo mme e tsisa kagiso.

O ne a rotloetsa maloko a kereke ya ABFGC go tswelela ka thulaganyo e.

Rre Masisi o ne a akgolela kereke eo go bo e tsamaya le mogopolo wa puso wa lenaneo la go kabakanya itsholelo ka go supafetse fa ba dira seaparo sa bone mo gae mme seo se rotloetsa ba dikgwebo tse dipotlana.

O ne a opela kereke ya ABFGC legofi a bolela fa e gatetse pele ka fa e sale e tlhangwa e ntse e dirisa leina le le lengwe fela mme e ise e thubege mme e bile e aname jaaka thotse kwa mafatsheng a Afrika Borwa le Zimbabwe mme ofisi kgolo ya yone e le kwa Ratholo.

Rre Masisi a re maloko a ABFGC  a boineelo ka a kgonne go kopana go tla go tsosolosa tumelo.

Rre Masisi yo a neng a na le mohumagadi wa gagwe ba ne ba abela kereke eo P5 000.

E ne e rile go le pele Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng  a bolela fa go na le lefelo lengwe le le bidiwang Gupo le go elelang metsi a tlholego mo go lone mme dikereke di le dirisa thata.

O ne a kopa dikereke go dirisa lefelo leo sentle le gore ba le phepafatse ka dinako tsotlhe. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Ratholo

Event : Moletlo wa paseka

Date : 17 Apr 2017