Tlhokomelang masimo - Ralotsia
17 Apr 2017
Tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Patrick Ralotsia o ngongoregile ka balemi ba ba itlhokomolositseng masimo morago ga go a lema ka thuso ya puso.
Tona, yo gape e leng mopalamente wa Kanye Bokone, o buile jalo fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Ntlhantlhe le Lekgolobotlo bosheng.
Rre Ralotsia o boletse fa puso e dirisitse madi a mantsi go thusa Batswana go lema mahala gore ba ntshe dijo go itshetsa.
O boletse fa puso e ntshitse mananeo a temo-thuo go balelwa a go fiwa dipeo, monontshane, go bolaya mhero le go lemelwa ka madi a mantsi a a ka bong a dira ditlhabololo dingwe.
A re balemi ba tlogela masimo ba sa a tlhokomele, fa bangwe ba lesa mhero o bolaya dijalo.
O boletse fa batho ba tlogela fela ka gore ba fiwa mananeo ao mahala.
Rre Ralotsia o boletse fa balemi ngwagatlola ba ne ba lela ka letlhoko la pula mme jaanong e nele mme ga ba tlhokomele masimo.
Bangwe ba tlogela ba ya Ipelegeng.
O tlhalositse fa puso e ntshitse melemo e e bolayang mhero mahala mme balemi ba itlhokomolositse fela.
O ba tlhagisitse gore maikaelelo a bone e le ba temo-thuo ke go kgaola ba ba sa tlhagoleng masimo go ba tima lenaneo ka gore madi a setshaba a wela ka motlhoboloko.
A re bangwe ba tlogela leruo le senya mo masimo le go senyetsa ba bangwe ba ba nang le maikaelelo a go ntsha dijo.
Mo go tse dingwe o boletse fa ba tshwenyegile ka maitsholo a bana.
O boletse fa batsadi ba ikgatholositse go kgalemela bana.
O boletse fa ba dira boithatelo fela ba re ba na le ditshwanelo.
O boletse fa botlhokatsebe jwa bana bo dira gore ba seka ba atlega mo dithutong.
O kopile batsadi go tshwaraganela bana gore ba tle ba nne le bokamoso ka e le babusi ba kamoso.
“Ngwana ke seipone sa motsadi, fa a dira bosula go bodiwa gore ke ngwana wa ga mang le fa a dira bontle go a bodiwa,” a rialo.
Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba metse eo ba ledile ka ditsela tse di mo kgaolong ya bone ba bolela fa di le maswe.
Ba kopile gore matamo a katololwe.
Ba lebogetse madi a a okeleditsweng Ipelegeng le ditlhabololo mo kgaolong.
Ba boletse fa bana ba dikole ba palelwa ke go fenya ditlhatlhobo ka gore ga ba utlwe batsadi mo ba setseng ba itlhobogile.
Tona Ralotsia o boletse fa a ithaopile go abela bana ba ba dirang sentle mo lekwalong la botlhano mo dikoleng tse dikgolwane dikgomo tse di namagadi.
Ba ba tsereng dintlha tse 46 go ya kwa go 48 ke bone ba fiwang.
A re go dira jalo ke go rotloetsa bana go ithuta le go rata leruo. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Ntlhantlhe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Apr 2017






