Ba tlaa thusiwa ka lenaneo le le faphegileng
17 Apr 2017
Banni ba Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek,Struizendam (BORAVAST) ba tlaa thusiwa go lwantsha lehuma ka lenaneo le le faphegileng le le bidiwang BORAVAST Intervention.
Se se builwe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Frans Van der Westhuizen fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Rappelspan.
Rre Van der Westhuizen o tlhalositse fa lephata la dikgaolo le ditlhabololo magae le ne la gwetlhwa ke lehuma le le kwa godimo mo metseng ya BORAVAST, le le gakadiwag ke leuba le diemo tsa tlholego tse di ba itsang go lema, mme la bona go le botlhokwa go simolodisa lenaneo le.
Mopalamente o ne a tlhalosa fa lenaneo le le abetswe P350 000 a a tlaa kgaoganwang ke metse e mene e.
Rre Van der Westhuizen a re se ke sesupo sa gore puso e kgathala ka go tlhabolola matshelo a Batswana.
O ne a kopa ba ba tlaa thusiwang ka BORAVAST Intervention go tlhokomela tse ba tlaa thusiwang ka tsone, a kaya fa go tlhoka go tlhokomela go rotloetsa tshenyo le koketsego ya lehuma.
Fa a bua ka tse dingwe, mopalamente o ne a itsese banni fa puso e le motlotlo ka pheleletso ya dikago tsa sekole se segolwae sa Tsabong Unified, e bile se kwadisitse bana ba ntlha ba mophato wa botlhano ba ba tlaa kwalang ditlhatlhobo tsa makgaolakgang monongwaga.
Godimo ga moo o kaile fa puso e dirile kgokelo ya metsi e e faphegileng e e lopileng P32 million go itsa letlhoko la metsi le le ka kgoreletsang dithuto.
O ne a kopa batsadi go rotloetsa bana mo dithutong ka go ba lekola, gape a ba kopa gore ba tlhagise bana ka botlhokwa jwa go tlhokomela dikago tsa sekole, a re fa ba di senya go tlaa bo go bakela puso ditshenyegelo gape go busetsa dithuto kwa morago.
Fa a ntsha la gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya Rapplespan o ne a lela ka seemo sa dikago tsa kokelwana ya motse wa bone a re di makgasa mo e leng gore go baya balwetsi le babereki mo diphatseng.
Godimo ga moo, o ne a supa fa go na le letlhoko la koloi ya kokelwana mo kgaolong ya BORAVAST, a tlhalosa gore se se baya balwetsi mo diphatseng tsa go gatelelwa ke bolwetsi ba bo ba feletsa ba tlhokafetse ka gore letlhoko la dikoloi le ba itsa go bona bongaka kwa kokelong ya Tsabong.
Rre Matthys o ne a ikuela ka letlhoko la metsi a a nowang le a go nosa leruo, mme a kopa gore ba abelwe sediba sa nomore ya 10922 se se dikhilomithara di tharo kwa botlhaba jwa Rapplespan gore ba nose dihutshane ka ba ikaelela go simolodisa kgwebo ya morafe ya go reka dihutshane ba di otla ba bo ba di rekisa.
Moemedi go tswa kwa lephateng la botsogo, Mme Chisila Tumedi o ne a tlhalosa fa bontsi jwa dikoloi bo senyegile.
A re go tlhoka go baakanya dikago tsa kokelwana go bakwa ke letlhoko la madi.
Le fa go ntse jalo, Mme Tumedi o ne a tshepisa banni fa mathata a tlaa tsibogelwa a bo a rarabololwa ka gonne ngwaga o mosha wa madi o simologile, ba tlaa dirisa madi a ba a abetsweng go lwantsha diemo tse. BOPA
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : Rapplespan
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Apr 2017






