Breaking News

Thapelo makgona tsotlhe

17 Apr 2017

Maloko a kereke ya Apostolic Jerusalem Church of God a gakolotswe go dira ka natla mo ditirong tsa temo.

Kgakololo e e dule ka modulasetilo wa khansele-potlana ya Okavango, Rre Anderson Kambimba fa a ne a bula semmuso malatsi a paseka a kereke eo ka Labotlhano.

Rre Kambimba o boleletse maloko gore go botlhokwa go itse se Modimo a se ba tsiseditseng mo lefatsheng, gore ba tshele ka boitumelo ka nako tsotlhe.

O supile fa poloko e le botlhokwa mme a ba kgothatsa go tila boitseme.

O ba kgothaditse go fetoga, ka e le bone batsamaisi ba lefatshe le ba le filweng ke Modimo.

O ba kopile gore ba ikgaphe mo go tlhabiseng Modimo ditlhong, a ba kgothatsa go nna le maitshwaro a a supang gore ke badumedi.

O ba gakolotse fa bogosi jwa Modimo bo sa palelwe ke sepe, mme a ba kgothatsa gore tsotlhe tse ba di tlhokang go botlhokwa go mo rerisa ka thapelo.

O file sekai sa gore fa ba batla temo, ba ka rapela mme Modimo a ba nesetsa pula.

O ba kaetse fa ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo ba tshwanetse go gakologelwa seo ka nako yotlhe.

E rile a ntsha la gagwe, moeteledipele wa Kereke e, Archbishop Mokoya Mokolobetsi a supa fa kereke ya Apostolic Jerusalem e sale e nna teng mo Botswana ka 1981.

O tlhalositse gore le fa kereke e ne e kile ya nna le dikgogakgogano tsa go lwela maemo dingwaga tse di fetileng, ba ntse ba tsosolosa mowa wa lorato le go dira mmogo go simolola ka 2006.

O tlhalositse fa seemo se ritibetse, ka jalo ba leka go ngoka banana go tsamaisa kereke ka e le bone ba nang le tebelopele.

O tlhalositse fa kereke e gola, a supa fa maloko go tswa ntlheng tsotlhe tsa Botswana, ba phuthegile go tla go galaletsa Modimo.

O kaile fa moono wa monongwaga e le go aga kereke sentle le go tsaya dikgakololo mo bodireding le setshaba ka kakaretso.

Archbishop Mokolobetsi o galaleditse bodirelapuso jwa Botswana go ema dikereke nokeng, a supa fa se se supa fa tshaba ya Botswana e na le tumelo le poifo ya Modimo ka go akaretsa dikereke le go di fa tlotla e e tshwanetseng.

O kaile fa a na le tshepo e ntsi gore dingwaga tse di tlang kereke e e tlaa bo e godile, ka ba baakantse seemo.

Maloko a kereke ka bontsi a ne a setse bo gorogile go tswa kwa dikgaolong tsa Bokone Botlhaba, Boteti, Gaborone le mafelo a mangwe mo lefatsheng go tla go ipelela Paseka. BOPA

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Sepopa

Event : Tirelo ya malatsi a paseka

Date : 17 Apr 2017