Breaking News

Go lwantsha motlho ka botlhole go mosola

17 Apr 2017

Balemi ba masimo a Mmamagano gaufi le Monwane ba kgothaditswe go tshela masimo a bone tshefi ya motlho ka e kgona go o nyeletsa gotlhelele.

E rile a bua kwa masimong ao, modulasetilo wa komiti ya balemi, Rre Tlotlo Nnini, o ne a supa fa balemi ba masimo a Mmamagano le Matshwi ba na le kgwetlho ya motlho o o tlogedisitseng ba le bantsi temo.

Ka jalo o ne a supa fa ba ne ba ikopanya morago ga go utlwa fa puso e na le lenaneo la go rekela balemi molemo oo, mme jaanong balemi bone ba na le boikarabelo jwa go ipatlela terekere e e ba tshelelang tshefi.

Mme Goitseone Sedumedi yo go neng go phuthaganetswe kwa tshimong ya gagwe go bona maduo a tshefi o supile fa a ne a setse a kgobega marapo ka a ne a lema dijalo di tswa sentle, mme morago di hube, a bo a felela a sa tswe ka sepe.

O tlhalositse fa e rile a utlwa ka tshefi a kgothala go e lekeletsa, a supa fa ba ne ba koleka go iphirela raterekere, mme gompieno motlho o fedile mo tshimong ya gagwe e bile a solofetse thobo e e nametsang.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya twantsho diji le mhero, Rre Kabelo Moaisi o ne a tlhalosa fa tshefi e e bolayang motlho e na le bokgoni jwa go bolaya mhero otlhe mo masimo, mme e sa  kgoreletse dijalo ka gope.

O tlhalositse fa motlho o peitiwa o santse o le motala, ka jaana o oswa sentle fa o le motala. O tlhalositse fa puso e efa balemi tshefi ya go lwantsha mhero go akarediwa le motlho, a bo a supa fa balemi ba ka ikopanya ba le masome a mabedi go ya go ba le masome a mararo, mme fa ba sena go fiwa tshefi, ba tshwanetse go ipatlela terekere e e tlaa ba gasetsang tshefi, a supa fa balemi ba ituelelang.

O kopile balemi go ikopanya le balemisi go ba tlhalosetsa ka melemo e e bolayang mhero.

Rre Moaisi o tlhalositse fa tshefi e tshwanetse go bewa sentle mo ntlong e e lotlelwang, mo godimo ga lepolanka gape e seka ya seegwa ka sepe.

O tlhalositse fa batho ba ba gasang tshefi ba tshwanetse go apara diaparo tsa itshireletso jaaka sekhwetlha, dikgoshopo, diatlana, hempe e e matsogo maleele le futshe.

O supile fa diaparo tse di tlhatswiwa di le nosi, a bo a supa fa tshefi e pegwa kwa morago mo koloing fa e tswa go rekwa.  

Rre Moaisi o supile fa ba ikaelela go lema temo e e tlhabolotsweng monongwaga, e seng ya go pitikolola mmu.

Balemi ba ne ba tlhalosa fa bontsi jwa bone bo ntshitswe mo masimo ke motlho, mme ba tlaa iteka go o lwantsha ka tshefi ka ba bonye maduo a yone.

Ba tlhalositse fa mehero e le mefutafuta, mme ba leboga fa go na le tshefi e e e lwantshang.

Le fa go ntse jalo, ba tlhalositse fa go na le mhero o go tweng matebele, o ba tlhalosistseng fa o kgoreletsa dinawa go thunya. Ba kopile puso go batla tshefi e e bolyang mhero o. BOPA

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Monwane

Event : Bokopano

Date : 17 Apr 2017