Puso e thusa go lwantsha ditlou
17 Apr 2017
Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi a re puso e tsere tshwetso ya go thusa go lwantsha ditlou e bile Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o ne a tlhoma khuduthamaga ya matona gore e tswe ka tharabololo ya seemo sa ditlou.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mabolwe, Rre Kgathi a re Tautona o ne a tlhopha ene le matona a mangwe e bong wa lephata la diphologolo le bojanala Rre Tshekedi Khamaga mmogo le wa temo-thuo le dijo Rre Patrick Ralotsia go itebaganya le kgang ya ditlou e e thorontshang balemi.
Rre Kgathi a re e le matona ba tsere tshwetso ya gore go ntshiwe masole a le lekgolo go thusana le ba lephata la diphologolo go busetsa ditlou kwa mafelong a tsone.
A re go tlaa dirisiwa difofane tsa tlhoo-tomo tsa sesole di le pedi mo tirong eo e bile ba lephata la diphogolo ba tlaa rekelwa difofane tsa tlhoo-tomo di le tharo ba bo ba okelediwa bodiredi ka diphatlha di le lekgolo tsa maemo a B1 go tlatsa ba ba leng teng, ga mmogo le go dira dikampa di le pedi go lwantsha diphologolo tse di senyang.
Rre Kgathi o supile fa ba ba senyeditsweng ke diphologolo tseo ba tlaa phimolwa keledi.
Rre Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o ne gape a lekodisa banni ka tse di builweng kwa palamenteng jaaka paakanyo mo molaong wa boagedi le wa ditlhopho.
Mo go wa boagedi a re motswaka o ne a nna dingwaga di le tlhano gore a fiwe boagedi mme jaanong di ka nna kwa tlase go lebeletswe mabaka.
O supile fa mo ditlhophong tse di tlang go tlaa dirisiwa motshine o o tlhophisang, a supa fa o le bofefo e bile go tlaa fedisa tiego le ditlhopho tse di senyegang.
A re motshine o ga o kake wa tsietsa e bile go dirilwe ditshekatsheko go kopanwe le ba diphathi tsa kganetso e bong borre Dithapelo Keoorapetse le Ndaba Gaolathe ba ba neng ba ya go tsaya malebela kwa India le Namibia mme ba ntsha pego ka one.
Fa a bua ka kgaoganyo ya madi ya 2017/18 a re kgaolo ya Bobirwa e tlaa akola ditlhabololo, a supa fa go tlaa agwa kokelo e ntsha kwa Bobonong, go atolosa dikokelo tsa Molalatau, Gobojango, Semolale le Borotsi go nna tse di belegisang.
Rre Kgathi o supile fa borogo jwa Platjan bo abetswe khamphani e e tlaa bo dirang mme bo solofetswe go tsaya dikgwedi di le lesome le boferabobedi, fa metse yotlhe ya Bobirwa e tlaa sielwa metsi go tswa letamong la Thune.
Banni ba ne ba lela ka ditlou tse ba reng di saila gongwe le gongwe e bile di ba senyeditse dijalo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Tshoganetso Mathora a re ba lebogela gore ba Special Support Group ba fokoditse seemo sa borukutlhi kwa molelwaneng.
Mme Mathora a re balemi ba le lekgolo le boraro ba lemile ditema di le lekgolo, masome a supa le bosupa mme mo go bone ba le lesome le borataro e le borre, ba le masome a roba bobedi le bosupa e le bomme fa ditema di le tlhano le sepatlo di lemilwe ke banana. BOPA
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Mabolwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Apr 2017






