Breaking News

Kweneng o sekasekelwa moepo wa magala

17 Apr 2017

Mopalamenete wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o lekodisitse batho ba Medie mo kgaolong ya Kweneng fa dithulaganyo tsa kanoko ya kepo ya moepo wa magala mo kgaolong eo di semeletse.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie bosheng,  mopalamenete a re e re ntswa a tlhaloganya fa thulaganyo ya moepo e ka lere botshelo mo Mokwena ka go bula diphatlha tsa mebekero, go botlhokwa gape go tlhaloganya maikaelelo ao ka tsela ya one e le motsopodia ka jaana e ya go tlhoka ditshekatsheko tse di tseneletseng.

Rre Seretse, yo a bileng a le tona ya peeletso papadi le madirelo, a re go botlhokwa go lemoga fa khamphani ya Minergy ya moepo wa magala e tsweletse ka thulaganyo e e akaretsang kgang ya tshekatshelo ya madi e teseletso ya yone e e tlaa laolwang ke gore a e fitlheletse dintlha tsotlhe tsa botlhokwa tse di yang go tseelwa tshwetso ke lephata la meepo.   

Mabapi le kgang ya tsela e e tshwenyang batho ba kgaolo eo, tona Seretse o lekodisitse morafe gore bothata ke gore  seemo sa ditsela tse di maswe se aname e bile se amile lefatshe ka bophara, ka jalo maiteko a go lwela dikgaolo le one ke bothata.

O tlhalositse fa gape maiteko a go lekodisa Tautona ka seemo sa tsela ya Molepolole/Lentsweletau le one a sa tswa dipe ka jaana bothata jwa go tlhaela ga madi e le selo sa gangwe le gape ntle le gore go dirilwe tsholofetso ya gore tsela eo e tswelele ka go gopiwa.   

Kgosi Moatlhodi Kgabo wa Medie o ne a ngongoregile fa seemo sa tsela e e lomaganyang motse oo le Lentsweletau se ngomola pelo ka e dira metsamao bokete, bogolo jang ka dinako tsa dipula mo go pateletsang gore go ralalwe masimo.

O bile a kopa gore go tlhomamisiwe dikgosana tse tharo tsa tetlanyo kwa Medie tse a kaileng fa di tswa kgakala di tshegeditse thomo ya morafe ba sena boikhutso mme a supa fa tiego e ka kgoba marapo.

Mokwaledi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane a re thulaganyo e tsweletse go epa letamo la kgaolo eo le le fa gare ga Medie le Moagowe mo ngwageng ono wa madi e a kayang e tlaa thapa batho ba le masome mararo le borataro ka lenaneo la Ipelegeng.

Mabapi le dipotso tsa gangwe le gape tsa gore thulaganyo ya tshekatsheko ya batlhoki e akolwa ke ba ba sa lebanang, Rre Kgabanyane a re go itse maduo a tshekatsheko go thata ka jaana e le kgang ya modiredi le yo o dirwang, ka jalo go thata go tlhaloganya gore tshwetso e tserwe jang.

Mokwaledi Kgabanyane o ne a lekodisa phuthego ya Medie ka tokafatso e e dirilweng mo thulaganyong ya theko ya dipodi tsa lenaneo la LIMID mo a kaileng e le thulaganyo e e yang go ama theko ya fa go reka puso mme thulaganyo ya batho ka bongwe e tlaa laolwa ke tumalano ya moreki le yo o rekisang.

Morafe o iteetse kobo moroko mafoko a ga Kgosi Kgabo ka seemo sa tsela gore se tlhoka go tsibogelwa.

Morafe mo go bone go le Mme Magdeline Merementsi le Rre Meriwether Gideon ba supa fa bogodu jwa leruo mo kgaolong e bo ba apesitse kobo ka letshoba, a tlhalosa fa ba kgojwa marapo ke gore boetelediepele bo itshetse moriti o tsididi fela. BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Medie

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Apr 2017