Monana o gatetse pele
12 Apr 2017
Gangwe le gape lephata la banana le tshwenyega ka gore banana ga ba tsee mananeo ka bontsi.
Le fa go ntse jalo banana bangwe ba gatetse pele e bile ba ititeile sehuba gore ba tlaa itshetsa ka se puso e se ba diretseng.
Tlhalefang Lesolame (31) wa Sefhare ke mongwe wa banana ba ba neng ba reetsa pitso ya lephata la banana ya gore ba tsee mananeo ba itshetse.
Fa a bua mo potsolosong ka sefatlhego se se tletseng monyenyo, Lesolame o ne a bolela fa e ne ya re a akanya go bula kgwebo e e tlaa mo tshetsang, a itlama go tla ka mogopolo o o sa tshwaneng le wa ba bangwe wa kgwebo mme a tla ka mogopolo wa go bula kgwebo ya sekole sa ithutelo go kgweetsa.
A re kgwebo ya gagwe o e simolotse ka 2011 mme ka nako eo a ne a ruta ka kolotsana e a neng a na le yone ka nako eo.
A re ka a ne a direla kwa moepong wa BCL, o ne a tshwanelwa ke go dirisa madi a gagwe a kgwedi le kgwedi go tsamaisa kgwebo.
A re o ne a felela a tlogela tiro kwa BCL mme a ya go iteka lesego kwa lephateng la banana go kopa dithuso tsa madi ka a ne a na le kgatlhego e ntsi ya go tlhokomela kgwebo.
A re ka 2014 o ne a atlega mme a fiwa P97 217.
A re mo mading ao o ne a kgona go reka koloi e a e dirisang mo nakong eno le tse di tlhokafalang tse di amanang le tsa go ithuta go kgweetsa.
A re ntswa a ne a dule ka mogopolo wa kgwebo ya sekole sa ithutelo go kgweetsa o ne a sa tlhomamise gore a o tlaa atlega.
A re kwa diofising tsa lephata la banana ba ne ba mo thusa mme pele ba ne ba sa wele sentle gore mogopolo wa gagwe ke mongwe wa megopolo ya dikgwebo tse di ka tshetsang banana.
Mme Tlhalefang a re ntswa a na le dikgwetlho di le mokawana mo kgwebong, o itumelela gore ke ene monana a le esi yo a nang le kgwebo eo mo Sefhare.
Ka jalo seo se mmaya mo seemong sa gore abo a tsenya letseno le le botoka go ka tokafatsa kgwebo.
A re bontsi jwa ba ba tsenang sekole sa gagwe ke badirelapuso ba Sefhare le ba metse e e mabapi.
A re mo nakong eno dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke gore o na le koloi e le nngwe ntswa baithuti bone ba le bantsi.
A re se se mo kgoreletsa mo go direng tse dingwe tse di amang tiro tse gantsi a di dirang kwa Mahalapye.
A re kgwetlho e nngwe ke gore koloi e eta e senyega.
O ne a fa banana kgakololo ya gore fa ba batla go tswelela mo botshelong ba seka ba tsena mo dikgwebong tse bagwebi ba bangwe ba setseng ba le mo go tsone mme ba leke go tla ka megopolo e mesha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Selebatso
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 12 Apr 2017






