Metshameko e faposa banana dihawa
12 Apr 2017
Le fa meraka e le lefelo le go ruelwang diphologolo tsa mo gae, ba moraka wa Marulamantsi kwa Zoroga mo kgaolong ya Tutume ba bone go le botlhokwa go tlhama setlhopha sa kgwele ya dinao e le tsela ya go itshidila maikutlo le go itsa banana go tsaya karolo mo nnotaging.
Morulaganyi wa tsa komiti ya setlhopha sa Marulamantsi FC, Rre Lebani Makosha o tlhalositse fa moraka wa Marulamamntsi o tlwaelesegile ka dintwa, dipolaano le borukutlhi ka go farologana ka go nowa thata majalwa a a dirwang mo malwapeng.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng. A re mopalamente wa Nata-Gweta, Rre Polson Majaga o ne a ba ema nokeng ka go ba abela paka le dibolo tse tharo mme morago ba batla lefelo la ithuthuntsho.
A re le dikgosi go tswa kwa Nata di ba eme nokeng ka dikgakololo.
“Banana ba bantsi mono, ka jalo re tlhamile ditlhopha di le pedi gore re kgone go fana motshameko sentle.” A tlhalosa.
Rre Makosha a re se se thusa banana ka ba batla gore ba seka ba nnna le nako ya go jewa ke bodutu mme morago ba felele ba itshietse majalwa a masesane.
O tlhalositse fa kgwele ya dinao e le motshameko o o agang motho gape o thusa ba le bantsi ka go itshidila gore botsogo jwa bone bo felele e le jo bo siameng.
A re ba bona nako ya go ya mabeleng phakela fa ba sena go bolotsa.
A re o lemogile fa go na le phetogo e ntsi ka dikgang tsa dintwa le bogodu jwa leruo di ile tlase mo tikologong.
O tlhalosa fa motshameko oo, o ba tlhabolola ka ba atle ba kope metshameko ya botsalano mo ditlhopheng tse dingwe tsa Zoroga.
“O seka wa re o mo morakeng, kgwele ya dinao ke dilo tsa kwa ditoropong.
O tshwanetse go supa talente ya gago gongwe le gongwe kwa o leng teng, gore e kgone go go busetsa kamoso.”
A re nako e nngwe bana ba jewa ke bodutu mme morago o fitlhele ba tshameka ka leruo jaaka go palama dipitse le ditonki mo go sa tlhokafaleng, kana ba felele ba utswa leruo.
Rre Makosha a re banni ba Marulamantsi ba amogetse motshameko oo, bogolo jang beng ba meraka ba ba thapileng babereki badisa.
A re ba ba eme nokeng ka go ba fa nako ya go ya mabaleng gape ke maloko mo komiting ya setlhopha.
Rre Makosha o rotloetsa banni ba meraka e mengwe le banana go tsenelela dikgaisanyo tsa metshameko ka go farologana ka di ka ba bula matlho.
A re ba setse ba itlhokotsa gore tikologo e e tlang ba kgone go tsenelela dikgaisanyo tsa metshameko tsa ga Tautona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 12 Apr 2017






