Breaking News

Itshwareng sentle ka paseka

12 Apr 2017

Malatsi a boitapoloso a papolo ya Morena  a  tlwaelesegileng ka gore bontsi jwa batho bo tsaya maeto  ba ya  dikerekeng le go ya go lekola ba masika le ditsala.

Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o tlhalositse fa mapodisi jaaka gale ba tlaa bo ba dirile dikganedi tsa tsela go simologa gompieko go fitlha beke e e tlang  e le lesome le boherabobedi go tlhomamisa gore molao o a diragadiwa go sireletsa setshaba.

Mookamela mapodisi a Werda o ne a gakolola bakgweetsi, badirisa tsela le setshaba ka kakaresto go nna le boitshwaro jo bo eletsagang ka go nna le tirisano mmogo le mapodisi le go tlhoka go itontela bojalwa.

O ne a ikuela mo bakgweetsing, bogolo jang ba ba kgweetsang dikoloi tse di pegang setshaba, go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe, go tlhatlhoba dikoloi tsa bone mo go tseneletseng go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle ka seo se ka thusa go tila go amaega mo dikotsing tsa tsela.

Superintendent Ramatsia o ne a gakolola gape bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko mo tseleng ya Makopong-Werda ka e na le dikhuti le gore go na le leruo lo lo gobeang le diphologolo tsa naga tse di kgabagayang, bogolo jang fa go le bosigo.

A re bontsi jwa metse e e mo Kgalagadi Borwa e bapile le melelwane, ka jalo o supile fa lekoko la mapodisi le sesole ba setse ba le malala a laotswe go dikologa dipolasi le molelwane ba etse seemo tlhoko go tlhomamisa gore ga go na batho bape ba ba kgabaganyang molelwane ba se na dipasa  le jone borukutli jwa go tlodisa leruo.

Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Keagwetswe Lorato o ne a itebaganya le go gakolola beng ba madirelo go netefatsa gore ba thapile badisa dikago ba ba nonofileng ka malatsi a boitapoloso e le yone nako  e dirukutlhi di akanyang go senya.

Assistant Superintendent Lorato o ne a ikuela mo go beng ba madirelo go rurifatsa gore letsatsi le letsatsi ba ya go boloka madi kwa dibankeng le go a tshwara sentle mo sephiring gore dirukutlhi di seka tsa a meletsa mathe.

O ne a tlatsa ka go gakolola beng ba madirelo a bojalwa go tswala ka dinako tse di letlelesegang le gone go tila go tsosa medumo.

Rre Lorato gape o ne a kopa botlhe ba ba tlaa tsayang maeto go tlogela mongwe yo o tlaa salang a tlhokometse mo dijarateng le go dirisa lenaneo la ntebela ke go lebela ka le ka ba solegela molemo.

Superintendent Lorato o ne a fetsa ka go eleletsa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso masego le matlhogonolo a malatsi a boitapoloso a papolo ya morena. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA/TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 12 Apr 2017