Breaking News

Seemo sa ditsela ga se itumedise

12 Apr 2017

Banni ba Kotolaname le Lesilakgokong ba ngongoregile ka seemo se se maswe sa ditsela le ditlhaeletsanyo mo metseng ya bone.

Banni ba ntshitse matshweyego a bone mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, ya Thamaga Kumawane e bile e le tona wa tsa phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo kitso, Rre Tshenolo Mabeo bosheng, ba tlhalosa fa seemo sa tsela ya Moelepole le Kotolaname le ya Thamaga/Lesilakgokong di le mo seemong se se maswe morago ga dipula tsa bosheng, ka jalo ba kopa gore ditsela tseo di gopiwe.

Mo tekodisong ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa mosetse wa Kotolaname, Mme Keenetswe Shianyana a re ba na le mathata a ditlhaeletsanyo mo kgaolong eo, a tlhalosa fa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano a a kwa Mmamoagi a le kgakala le bone gape a le mo sekgweng ka jalo dirukutlhi di kgona go asenya.

Modulasetilo o bile a kopa gore go dirwe dipaakanyo kwa sekoleng se sebotlana, a re dikago tsa sekole ga di mo seemong se se kgatlhisang.

O bile a tlhalosa fa dikolotsana tse di tsayang bana di senyegile mme e bile di tsaya nako go baakangwa.

Rre Modiri Manthe ene o lebogetse lenaneo la temo la ISPAAD ka le rotloetsa balemi go lema temo e e busetsang.

Kwa Kotolaname banni ba kopile gore kokelwana ya bone e atolosiwe, gape ba kopa mooki wa bobedi le ntlo ya boroko.

Ba lebogetse mopalamente lenaneo la nyeletso lehuma ka jaana banana bangwe mo motseng ba ne ba sekasekwa mme ba atlega.

Mme Lady Monnaathebe ene o gakolotse batsadi go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana le go tlhomamisa gore ba tsena sekole sentle.

E rile  a akgela mo tekodisong e mopalamente a neng a lekodisa batho ba metse eo ka machine o o tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang, Mme Kelese Baratang a re e re le ntswa sengwe le sengwe se na le ditlamorago tsa sone, ba amogela tokafatso e e dirilweng ya matshine o o tlhophisang.

A re e le bagodi ba amogela diphetogo tseo.

A re pele bane ba kwala fa ba ile go amogela madi a bagodi kwa diposong, mme gompieno go dirisiwa dimatshine.

Fa a itebaganya le mangwe a matshwenyego a bone a seemo sa ditlhaeletsanyo, mopalamente o ba tlhomamiseditse fa a tlaa ba busetsa karabo morago ga dibeke tse pedi.

Ka seemo se se maswe sa ditsela o ba tlhaloseditse fa tiego ya go gopa ditsela tseo e bakilwe ke gore segopi se ne se ntse se senyegile, mme a ba tlhalosetsa fa se tlaa baakanngwa.

Ka temo mopalamete o akgoletse balemi ba kgaolo eo go bo ba lemile mo go bonalang a ba a ba kopa gore ba seka ba ipona tsapa mo temong ya bone le ntswa ba na le mathata a diji jaaka sbokwana, leruo le diphologolo tse di senyang mo masimo.

O bile a ba lekodisa ka matshine o o tlhophisang, o o tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba, a tlhalosa fa Batswana bangwe ba o amogetse, mme ba le ’betse se molangwana ka one, ba re go kabo go tokafaditswe dilo dingwe mo go one.

Le fa go ntse jalo mopalamente o ne a ba tlhalosetsa batho fa setshaba se tlaa rutuntshiwa ka tiriso ya motshine oo pele ga ditlhopho tse di tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : KOTOLANAME

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 Apr 2017