Breaking News

FSG e simolodisa thulaganyo ya diphitlho

12 Apr 2017

Kompone ya FSG e simolodisitse thulaganyo ya diphitlho kwa Mmopane. 

Thulaganyo e, e e kaiwang e le bonolo go dirisiwa, go solofelwa e tlaa thusa batho ba motse oo go ipaakanya go sa le gale mogang ba tlhagelwang ke dintsho.

Thulaganyo e gape e kaiwang e se turu, e tlaa fa maloko sebaka sa go itirela diphitlho tse di fang seriti.

E rile a bua kwa tshimolodisong semmuso ya thulaganyo eo mo boemong jwa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mopalamente wa Chobe, Rre Ronald Shamukuni o bolelela banni ba Mmopane Block I gore tshimolodiso ya thulaganyo ya diphitlho mo motseng wa bone ke nngwe ya ditlhabololo tse di amogelesegang ka gore e tlaa thusa ba le bantsi go boloka masika le ditsala ka tlhompho le tlotlo ’hularong sa bone.

Rre Shamukuni o tlhalosa gore mo dipakeng tsa segompieno tse diphetogo tsa botshelo jwa gompieno di tsereng phekelo e sele, go ntse go a bonala gore ka bonya ka bonya batho ga ba nne le nako ya go tshela le batsalwa le bone mme selo se se felele se dira gore go nne thata go rulaganyetsa go fitlha masika le ditsala mo go nitameng.

Ka jalo, mopalamente o tshwaetse gore ditlhabololo tsa go tshwana le tse di tlaa thusa batho go ipaakanyetsa motlha wa phudugo ya bone mo lefatsheng le le ka kwano ka gore motlha oo one mme o tlaa tlela mongwe le mongwe ka go twe leso ga le bitse yo o ganang.
O gateletse fa puso e akgola metlhale ya ditlhabololo ya go tshwana le e ka e baakanyetsa setshaba go ipaakanyetsa diemo tse di botlhoko tse di tshwanang go latlhegelwa ke ba ba gaufi le dipelo tsa bone. 

Fa godimo ga moo, o gwetlhile khamphani ya FSG go tswelela e tlhatlhelela batho dithuto le dikitso e le tsela nngwe ya gore le bone e nne ba-tsaya karolo mo dithulaganyong tse di ka sologelang setshaba molemo.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Mmopane Block I, Rre Moemedi Mokgachane o tlhalositse gore o bone go le maleba go simolodisa lenaneo le morago fa a sena go lemoga gore gantsi go bokete go ithulaganya fa go na le dintsho mme go nne bokete go rulaganyetsa diphitlho ka ntata ya botshelo jwa gompieno jo bo tletseng dikgwetlho.

A re fa gongwe go felela go nna bokete gore batho ba tlhome letsatsi le motho a tlaa bolokwang ka lone fela ka gore ga gona madi a sephutho. 

Moemedi a re fa gongwe golo mo go felela go dira gore bana ba tshabe go tla gae ka lebaka la gore go a bo go lebilwe mo go bone.

Jaanong o tlhagisitse gore go tila diemo tse, ke gore batho ba ipaakanye ba bo ba ithulaganyetse diemo tse nako e sa le teng. 

A re ka one mabaka a, ba ne ba lemoga gore batho fa ba ka ikgobokanya go tsena mo thulaganyong ya diphitlho le ba FSG, lemme le le ntshiwang le felela le le kwa tlase thata mo ba ka sekeng ba babalelwe go na le fa motho a ithulaganyetsa a le nosi.

Rre Mokgachane o tladitse ka go re go ithulaganyetsa diphitlho go bolokela puso madi ka batho ba bangwe ba hitlhwa ka thulaganyo ya bommaboipelego ntswa ba na le masika.

A re FSG e tswa kgakala e ntse e na le motlhala, ka jalo e ka tshephiwa ka go fa ditirelo tse di nang le boleng.

Moemedi wa mokgatlho, Mme Lynn Hobona le ene o tlhalositse gore e ne ya re Rre Mokgachane a sena go bona seemo sa kgaolo ya gagwe a tla kwa go bone gore ba mo thuse. 

Ba re ba ne ba mo gakolola gore thulaganyo e e ba siametseng ke e batho ba ka ikwadisetsang go nna maloko mme fa dipalo tsa bone di le dintsi ba duela madi a a a kwa tlase ga P30.

Ka jalo ba ne  ba ba rulaganyetsa gore ba ka bona sephutho sa lekesi la P14 800, dijo tsa P2 750, moswi a bewa mahala kwa setsidifatsing sa Lynns kgotsa Kagiso o bo o isiwa mahala kwa mafelong a a kwa tlase ga dikhilometara tse di makgolo mabedi. 

Fa godimo ga moo, ba direlwa lenaneo la dithulaganyo tsa phitlho di le makgolo mabedi le sethunya se se nnang fa godimo ga lekese sa P100.

Mme Hobona a re madi otlhe a sephutho a maloko ba ka fitlhwang ka one ke P21 858 mme bone ba ntsha P25 fela.

O weditse ka go re go dira jaana go dira gore motho a nne le seriti ka o a bo a iphitlhile. 

Maloko gape a kgona go kwadisa masika le ditsala ba ba eletsang go ba fitlha. 

Kwa bofelong, ba kompone eo, ba lebogile Mokhanselara Mokgachane go menagane go bo a dirile lenaneo la go tshwana le le mo kgaolong ya gagwe ya Mmopane Block I le Gaphatshwa a lebile matlhoki a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MMOPANE

Event : Tshimolodiso Semmuso

Date : 12 Apr 2017