Ba kopiwa tsaya mananeo a a ka ba berekelang
12 Apr 2017
Kgosi Oateng Sethodi wa Chanoga o kopile banni ba moste oo ba ba mo thulaganyong ya go tsenelela mananeo a puso go tlhopha mananeo a a bogadi bo gaufi ka ke one a ka ba berekelang.
Fa a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Sethodi o kaile fa batho ba tshwanetse ba lebelela dintlha di tshwana le lefelo le ba nnang mo go lone le gone gore a ba na le lorato mo lenaneong le ba ikaelelang go le tsenelela.
Kgosi a re mananeo ka bontsi a phutlhama ka ntlha ya gore batho ba tlhopha lenaneo ba sa sekaseka gore ba ya go tlhoka eng.
O ne a tlhalosa fa motse o tshwana le wa bone o siametse lenaneo la dihutshane ka botlhe ba ba di tsereng mo lenaneong la LIMID le la nyeletso lehuma ba tsweletse sentle.
“Motse wa rona o siametse dipodi ka di bogadi bo gaufi, ke tlaa gwetlha ba ba mo thulaganyong ya go tsenelela mananeo a puso a otlhe a leng mantle mo motseng wa rona go tlhopha dipodi,” ga bua kgosi.
Kgosi o tlhalosa fa gantsi mananeo a a tlhokang metsi a mantsi jaaka a go lema merogo a sa ba berekele mo motseng wa bone, selo se a reng batho ba tshwanetse ba se ela tlhoko dinako tsotlhe ka se se ba busetsa kwa morago.
A re batho ba tshwanetse ba tlhopha lenaneo le ba itseng gore ba na le lorato mo go lone, a re batho ba gantsi ba tlhophang mananeo a ba senang kitso le lorato mo go one ba felela ba sa ye gope ka a a phutlhama, selo se a reng gape se phutlhamisa maikaelelo a puso a go tokafatsa matshelo a Batswana le go nyeletsa lehuma.
Kgosi a re le fa dipula tsa bosheng di ne tsa tla ka tse dintle le tse di maswe jaaka malwetse a leruo, seo ga se a kgoreletsa ba ba mo lenaneong la LIMID le nyeletso lehuma la dipodi ka ba sa ntse ba tsabakela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : CHANOGA
Event : Potsolotso
Date : 12 Apr 2017






