Breaking News

Sekole sa Mmadinare se aga banana

12 Apr 2017

Moruti Tirelo Obonye wa kereke ya Tirano mo kgaolong ya Mmadinare, a re bana ba ikgaphe mo mekgweng e e duleng mo tseleng ka e ka ba gogela mo thaelong.  

O buile jaana kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa bana ba mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Mmadinare bosheng.

A re botho ke jone bo agang motho, ka jalo ngwana o tshwanetse go ikoba fa a bua le bagolo, ka le Baebele ya re ‘tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a botshelo a tle a oketsege’.

O ne a kgothatsa bana ba sekole gore ba ithute thata ba tle ba ye mmadikole, gore ba tsoge ba iperekela ditiro tse ba di batlang.

A re o utlwisiwa botlhoko ke basetsana ba ba raelwang ke banna ka go ba rekela dilo tse ba di batlang, le go ba fa madi, ka ba ba diya go ithuta gore le bone ba tsoge ba itirela sengwe.

Moruti Obonye a re malatsi ano go malwetse a mantsi mo lefatsheng, ka jalo o rotloetsa bana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo, mme ba emele lenyalo.

E ne ya re bokopano jo bo ntse bo tsweletse, molalediwa wa tlotla, Rre Eric Kealeboga Masalila, yo e leng motlhokomedi wa mokgatlho wa Mmadinare Development Trust, e e dirang ka tsa tlhokomelo tikologo, a rutuntsha bana ka mokgatlho o.

A re bana ka e le bone bajaboswa jwa lefatshe le, ba tshwanetse go tlhokomela matlotlo a tlholego le go a dirisa sentle.

Rre Masalila a re puso e fetiseditse tlhokomelo ya ditsatlholego mo makgotleng a selegae go tshedisa morafe jaaka dikgwa, phane, dikgaga, metswedi ya metsi le diphologolo.

O tlhalositse gore fa go nna le letsomo, go na le ba ba patang batsumi, ba e nnang bone matlho a lekgotla, ba itse fa letsomo le emang teng, ka jalo go ka seke go nne le ditshenyegelo tse di kalo kalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Botshelo Nokaneng

Location : MMADINARE

Event : Bokopano

Date : 12 Apr 2017