Breaking News

Tlhoafalelang mananeo

12 Apr 2017

Batswana ba gakolotswe go inaakanya le mananeo a puso a nyeletso lehuma ka a ka ba thusa go inoga mo lehumeng la nta e tshetlha.

Go gakolotse jalo Rre Gaditshwane Kgantele wa Chanoga yo o akotseng lenaneo la go suga matlalo mo potsolotsong le ba BOPA.

A re bangwe ba ba kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo ba tshaba go tsena mo diofising ba botsa ka mananeo, mme se se dire gore ba babalelwe ke botshelo.

“Goromente o thapolotse letsogo, botlhoki o tsalwa le jone mme o ka inamola mo go jone ka go dirisa mananeo a a farologanyeng a ga goromente,” a tlhalosa.

O buile mafoko a morago ga go bona fa lenaneo le a le tsereng ka 2016 le fetola botshelo jwa gagwe, e bile le lelwapa a kgona go le tlamela.

A re e rile fela go utlwa go kuiwa mokgosi mo kgotleng a latlha ditiro tse a neng a di dira mo lwapeng a tla go itseela ka tsoo-pedi, mme morago a tsenya kopo ya gagwe e e neng ya arajwa mo nakong e khutshwane.

Ngogola go ne ga tla matlalo le mabante.

Rre yo o tlhalosa fa didirisiwa tsa gagwe di ne di sa tla di le mmogo, mme ka go tlhaloganya fa goromente a tshwere phage ka mangana le go tokafatsa matshelo a batho, a seka a ipona tsapa.

A simolola ka tse a neng a na le tsone a dira mabante.

A re mabante a, a ne a rekwa jaaka o kare Batswana ba ne ba ntse ba a letetse.

Ka se a gakolola ba ba tsereng mananeo gore fa ba filwe se ba se filweng ba seka ba ema fela ba itshopara, ba simolole kgwebo gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone.

Rre Kgantele a re fa a ntse a tsweletse ditshipi tsa mabante di ne tsa fela, mme ka a ikiteile sehuba go tsweledisa kgwebo a ya go reka tse dingwe.

O supa fa batho ba rata mabante a gagwe ka a sa diege fa a sena go dirwa, a re bangwe ba a mo leletsa ba a batla.

Mabante a ga Rre Kgantele a mefuta mebedi; le lesesane le le lekima.

A re le lesesane la bophara jwa 30mm le rekiwa P150 fa la bophara jwa 40mm e le P170.

A re o tlhophile kgwebo e ya go dira dilwana tsa matlalo ka a ne a itemogela fa dikgwebo tse dingwe di le dintsi.

E re ntswa rre yo a lomile wa tlase, kgwebo e, e na le dikgwetlho tsa yone jaaka go tlhoka didirisiwa mo mabentleleng.

A re ditshipi tsa mabante ga di bonale motlhofo.

Se sengwe ke matlalo a a dirang ditlhako, mme se se dira gore a felele fela mo go rekiseng mabante ka a sa tlhoke letlalo le lentsi.

Go tlhalosa ka fa a farologanang le bagwebi ba bangwe ka teng, a re o kopanya kitso e a e tsereng kwa sekoleng sa Nxaraga le ya go penta dikago go dira mabante a boleng jo bo kwa godimo.

Go bona fa a ne a sa fiwa metswako e e takang mabante, a tswa ka mogopolo wa go dirisa pente e e gasiwang a gasa ya ntlha a bo a gasa ya befelo go fa lebante mmala wa sennela ruri.

Go supa fa Rre Kgantele a sa eletse go digela lenaneo le ka motlhobodika, a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e le kwa godimo gore e re motho a le kwa mafatsheng a sele a bone lebante le le dirilweng mo Chanoga mo Botswana.

A re le kgwebo ya gagwe o batla gore e bo e na le bokgoni jwa go thapa batho, go tlhamela lefatshe ditiro.

Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga, o ne a kopa khansele ya Bokone Bophirima go rotloetsa Rre Kgantele ka go mo neela ditiro tse di amanang le go direla bana ba ba tlhokomelwang ke khansele mabante.

“Ke buisiwa se ke gore kgwebo ya ga Rre Kgantele e tsweletse e bile o tshwere ka natla go tlhabolola botshelo jwa gagwe,” a tlhalosa.

Kgosi Setlhodi a re ba ba tsayang mananeo ba tshwanetse go leka ka bojotlhe go dira dipoelo ka go dira maikano a bone a ba neng ba a solofetsa goromente.

A re se ke sone se ka tokafatsang itsholelo ya lefatshe leno, ka madi a tlaa bo a sa wele ka motlhobodika. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : CHANOGA

Event : Potsolotso

Date : 12 Apr 2017