Inthanete e a sokodisa kwa Letlhakeng
09 Jan 2013
Batho ba metsana e e bapileng le Letlhakeng ga ba jesiwe diwelang ke go kgaoga ga maranyane a inthanete mo ofising ya kwadiso matsalo, manyalo le dintsho, selo se se dirang gore ba felele ba nna lebaka ba se na dikarata tsa Omang le go direla bana ditlankana tsa matsalo.
E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang, mongwe wa ba ba neng ba tlhotse mo meleng ya go direla ngwana setlankana sa matsalo Mme Innah Seane wa Sesung, a tlhalosa fa ba kgona go nna sebaka se seleele mo meleng ba letetse inthanete mme ba boe ba sa dira sepe.
A re kgaogo e ya inthanete e dira gore ba felele ba kolota madi a a duediswang batho ba ba diegileng go tla go kwadisa bana mme se se feletse se dira gore e nne e kete ba maoto a tshupa mo go kwadisetseng bana ba bone.
Mongwe wa ba ba neng ba boa ka nyobane e sa fotlhwa, Mme Boikarabelo Phalalo wa Khudumelapye, o tlhalositse fa e sale go tloga ngwaga e e fetileng, a ntse a leka go fetola sefane sa ngwana le go direla yo mongwe setlankana sa matsalo go ntse go pala, ka ntlha ya kgaogo e ya boranyane.
A re selo se se ba beile ka fa mosing ka bana ba tshwanetse go ya dikoleng mme ba tlhoka ditlankana tsa matsalo.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ba nna kgakala le motse wa Letlhakeng mme ba babalelwa ke madi a sepagamo, e bile ba tlhola letsatsi lotlhe go se na se se yang maleng ka ntlha ya go tlhoka madi.
A re o bona go ka nna botoka fa ditlankana tsa matsalo di ka dirwa fela jaaka karata ya Omang ka go dingalo go bona ditlankana tsa matsalo mo go feletsang bana ba felela ba tlolwa ke go ya dikoleng.
Mogolwane wa ofisi ya kwadisetso matsalo, manyalo le dintsho kwa Molepolole Mme Keletso Mokgotletsi, o tlhalositse fa ofisi ya bone e boleletswe ka seemo seo mme ba le mo lenaneong la go se baakanya. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 09 Jan 2013






