Ba dikara tsa ditonki ba mo kotsing
11 Apr 2017
Moeteledipele wa mapodisi a Molepolole, Rre Charles Mbengwa a re o tshwentswe ke bakgweetsi ba dikara tsa ditonki ba ba tsweletseng ka go tsenya matshelo a bone mo diphatseng.
E rile fa a bua mo potsolotsong, Rre Mbengwa a tlhalosa fa go le makgetho a le mmalwa a go fitlhetsweng kara ya ditonki e amegile mo kotsing ya tsela.
A re selo se se tshwenyang segolo bogolo ke gore bone bakgweetsi ba ditonki ke bone ba ba gobadiwang thata.
O boletse fa dikotsi tse di amang bakgweetsi ba, di bakwa thata ke gore bakgweetsi ga ba tsenye dibenyabenyi gore bakgweetsi ba bangwe, segolo jang ba dikoloi ba ba bone ba sa ntse ba le kgakala.
Rre Mbengwa a re le fa go ntse jalo, ba setse ba kile ba tsaya matsapa a go kopana le badirisi ba dikara tsa ditonki go ba ruta ka bodiphatsa jo, mme a re le mo nakong eno, go lebega thuto e sa goroga sentle.
A re mo nakong eno mapodisi a tsela a tsweletse ka go nna ba emisa bakgweetsi ba ba ba kgothatsa go tsenya dibenyabenyi.
O supile fa dibenyabenyi di farologana; tse di phatsimang di tshwanetse go tsenngwa kwa pele, segolo bogolo mo ditomong fa tse dikhibidu di tsenngwa kwa morago mo sekotsekareng.
“Mokgweetsi ene o tshwanetse go apara selwana se se nang le yone mebala eo e bile se phatsima”, a gatelela.
O boletse fa a tshwenngwa ke gore bangwe ba badirisi ba tsela ba funelela dilwana tse di phatsimang tse mo dikotsekareng ntswa ba tshwanetse go di apara, ka a re le fa ba di funetse jaana, ga di bonale jaaka fa ba ne ba ka di apara.
Le fa go ntse jalo, Rre Mbengwa o kopile bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko go hema dikotsi, a tlatsa ka go re go sa ntse go na le bakgweetsi ba ba sa obameleng matshwao a tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2017






