Breaking News

Ba Natale ba itumelela dipalamo tsa setshaba

11 Apr 2017

Morafe wa Natale wa re e re ntswa seemo sa tsela  e e kopanyang motse wa bone le mafelo a mangwe e se mo seemong se se siameng, sengwe se ba se itumelelang ke dipalamo tsa setshaba tse di tsamaelang koo go tswa kwa Francistown.

Mo potosolotsong, monni mongwe, Mme Nkhabi Radibata a re dipalamo tse di tlhomamisitswe ka fa molaong go ka tsamaela kwa motseng oo, a supa gape fa se se rotloetsa pabalesego ya bone ga mmogo le dithoto.

Mme Radibata a re pele ga dipalamo tse, ba ne ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka go ka goroga ka nako ka jaana dipalamo tse dingwe di ne di ba tlogela fela mo tseleng.

A re  ka mabaka ao ba ne ba patelesega  go tsamaya dikhilomithara tse tharo mo sekgweng go goroga kwa motseng.

Rre Mosweu Gomolemo le ene o supile fa dipalamo tse di mo tlhofofaletsa mosepele wa go ya mmerekong kwa Francistown ka a nna gone kwa Natale.

A re ga go sepe se se mo kgopakgopang go ka goroga ka nako mo tirong, o bile a kaya gape fa se se mo fa sebaka sa go itse botsogo jwa ba lelwapa la gagwe ka dinako tsotlhe ka  jaana a nna le bone.

Go sale foo, Rre Daniel Thyse yo o kgweetsang dingwe dipalamo tse o kaile fa seemo sa tsela se ngomola pelo, bogolo thata ka nako ya dipula.

Le fa go ntse jalo, Rre Thyse a re go botlhokwa go dira maiteko a go thusa batho, ka jalo o intshitse setlhabelo go tsamaela kwa Natale le fa tsela e sa itumedise.

Kgosi Shepard Pelaelo wa Natale le ene o tshwaetse fa seemo sa tsela  se ngomola pelo, a supa fa go setse go le lobaka go tshetswe lekgarapana le le neng le thibela diretse ka nako ya dipula.

Kgosi Pelaelo a re komiti ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le badiri ba Ipelegeng ba nna ba loga maano a go tokafatsa seemo ka go kokoanya matlapa fa tsela e kgabaganyang molapo teng.

Kgosi Pelaelo o bile a akgola tirisano mmogo e e renang  fa gare ga bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba le banni ba motse.

A re bakgweetsi ba ga ba tlhaele go gorosa thuso ka dinako tsotlhe le fa pula e ka na jang e bile le fa ba neeleditswe dithoto ba di gorosa go sena bothata.

Kgosi Pelaelo o bile a re khansele-potlana ya Tonota le yone e tle e dire maiteko a go thusa fa seemo se bifile le ntswa ba lela ka tlhaelo ya didirisiwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : NATALE

Event : Potsolotso

Date : 11 Apr 2017