Breaking News

Samaritan's Purse e abela bana dimpho

11 Apr 2017

E re ka dikereke di na le seabe sa go busetsa Batswana ba ba tlhokileng lesego serodumo, Kereke ya Siloame Apostolic in Zion e ne le yone ya re bosheng ya bona go le maleba gore ba tshwaragane le ba mokgatlho wa Samaritan’s Purse o o tlholegang kwa America o maikaelelo a one e leng go godisa dikole tsa bana mo dikerekeng ka go ba oka ka dimpho.

E rile a ntsha molaetsa o o faphegileng ka letsatsi la kabo dimpho e e neng e tshwaretswe ko kerekeng eo kwa Motokwe bosheng, mopalamente wa Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka o ne a lebogela ba kereke go bo ba bone go le maleba go nna le sekole sa bana, ka se ruta bana lesedi le lefoko la Modimo.

Rre Ngaka o ne a supa fa tumelo e rotloetsa boikgapho mo ditirong tse di duleng mo tseleng.

O ne gape a rotloetsa bana go amogela lefoko la Modimo gore ba tle ba segofale mo go sengwe le sengwe se ba se dirang.

O ne gape a ba gakolola fa bogosi jwa Modimo e le jwa bone mme ba tshware ka thata ka go tsena kereke go inonotsha mo semoeng.

“Ke lebogela kereke e go bo e tsweletse ka go inaakanya le bana ka e le bone babusi ba kamoso, go a lebosega go bo lo ntsha bana mo mekgwatheng ka fa ba le koo ba tshabelelwa ke go diragalelwa ke dilo tse e seng tsone, ke solofela gore fa le ka tswelela ka go dira jalo e tlaa re ka moso go nne le dialogane tse di rutegileng tse di tlaa tsogang di isa lefatshe la rona golo gongwe,” a tlhalosa.

Mopalamente o ne a kaya gore, gore kereke e tie e tshwanetse go inaakanya le bana le gone go abela batlhoki gore Modimo o tle o ba okeletse, mme gape a lebogela mabutswapele a kereke go bo le bone ba na le seabe mo go godisetseng bana mo tumelong ka e le bone ba ba setseng ba itse magokonyane a botshelo.

E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa kereke, Rre Tuelo Kelebeng o ne a lebogela go bo Samaritan’s Purse e ba thusitse ka dimpho tsa bana, a re e le ba Siloame ba amogela botlhokwa jwa go thusa le go aga bokamoso jwa bana ka go ba ruta lefoko la Modimo ba sale babotlana gore ba tle ba golele mo moeng oo boitshepo le gone gore lefatshe leno le tle le kgone go nna le babusi ba ba nonofileng kamoso.

O ne gape a supa fa kereke ya gagwe e tswa kgakala ka mowa wa bopelotlhomogi le go nna le seabe mo go busetseng ba ba tlhokileng lesego seriti.

Rre Kelebeng o ne a gwetlha batsadi go rotloetsa bana go tla kerekeng go tla go itseela lefoko la Modimo ka tsebe ka e le lone le le agang setho sa motho.

O ne a tlhalosa fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

E ne e rile pele mookamedi wa Samaritan’s Purse, Rre Aobakwe Lesole  a lebogela ba kereke ya Siloame maiteko a bone a go ruta bana lefoko la Modimo ka e le lone le le isang kwa polokong, mme a ba rotloetsa go tshwara ka natla le gore ba gogele bana ba bangwe mo tumelong.

A re ba bona go le matshwanedi go thusa bana ka dimpho gore ba tle ba nonofe le gone gore ba okege go tla kerekeng.

O ne a abela bana ba le masome a fera bobedi le bone dimpho jaaka dibuka tsa bana, dibolo, bompopi, dilekere, dipene le tsone didirisiwa tse di tshamekang ka kakaretso.

O boletse fa mokgatlho wa bone o setse o thusitse metse e tshwana  le Takatokwane, Ramotswa le Maboane ka dimpho, mme ba solofela go tswelela ka go abela metse e mengwe.

O ne a supa fa mokgatlho o tshwaraganetse ditiro le mafatshe a mangwe mo go tlhabololeng  Batswana le gone go ba godisa mo tumelong.

O ne a bala lekwalo la ga Mareko kgaolo ya lesome, temana ya lesome le bone e e reng, ‘lesang bana ba tle go nna le seka la ba iletsa gonne boswa jwa magodimo ke jwa bone’. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo dimpho

Date : 11 Apr 2017