Metlha ya maloba e fetile-Mokganedi
11 Apr 2017
Mongwe wa batho ba ba akotseng lenaneo la puso la nyeletso lehuma Mme Christinah Mokganedi a re bomme ga ba sa tlhole ba dikologa le meriti ya ditlhare go sena se ba se dirang ka puso e phutholotse letsogo go ba thusa ka mananeo a ba ka inamolang mo leubeng ka one.
Fa a buisana le lekalana la dikgang la BOPA, Mme Mokganedi yo o tlholegang mo kgotleng ya Botshabelo mo Maun o tlhalositse fa a bone go le matshwanedi go akola mananeo a puso a a itebagantseng le go nyeletsa lehuma mme a bofa dikgole tsa ditlhako tsa gagwe a latela ba puso go ya go ikopela lenaneo la temo ya ditlhare (backyard nursery) le mo gompieno le mo thusang go tshela a bo a tshetsa le ba lapa la gagwe.
O boletse fa bomme ba lebanwe ke kgwetlho ya go jesa malwapa le go godisa bana,ka jalo o ne a kgothatsa bomme ka ene go ititaya ka thupana go itshetsa ka mananeo a puso a tshwana le la temo ya digotlo.
“Lenaneo le ke le simolotse ka ngwaga wa 2015 morago ga go lomaganngwa le ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ke bommaboipelego ba ba neng ba kanoka seemo sa me le bokgoni jwa me, mme ba felela ba ntsenya mo lenaneong la temo ya segotlo le le ka fa tlase ga lenaneo la puso la nyeletso lehuma,”ga tlhalosa jalo Mme Mokganedi.
O boletse fa a thusitswe ka moriti o o sireletsang dijalo le tanka ya metsi.
O tsweletse a re o ne a tsena dithuto puisano di le mmalwa tse di neng di itebagantse le thutuntsho mo mehameng e e farologaneng jaaka kgwebo le temo ya ditlhare.
E re ka Setswana se re dilo makwati Mme Mokganedi o boletse fa a ithutile temo ya ditlhare mo go Mme Kelebile Keneetswe yo e leng mantswitswidi mo temong e ya ditlhare, e bile le ene e le moakodi wa lenaneo la temo ya segotlo mme e bile a thusitswe ke bone ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng.
Mme Mokganedi o tsweletse ka gore ditlhare tsa gagwe di rekwa ke batho ka kakaretso mme thatathata di kgatlhegelwa ke batho basweu,dikomponi le maphata a a farologaneng a puso,
A re ipapatso ke konokono mo kgwebong ka e dira gore kgwebo e itsege le mo mafelong a a kgakala.
E re ka gotwe Roma ga a agiwa ka letsatsi le le lengwe Mme Mokganedi o tlhalositse fa di le dintsi tse a setseng a di fitlheletse mo botshelong jwa gagwe ka thekiso ya ditlhare.
A re ka pelo mmalabadi e kgonwa fela ke go bofiwa,o balabala ka pelo gore o tlaa fudugela leng kwa setsheng sa gagwe se ka jaana metsi a ise a fitlhe teng,mme a ikgomotsa ka gore kgwebo ya gagwe e sa ntse e kgonne go mo agela ntlo teng.
Le fa go ntse jalo Mme Mokganedi o gakolotse fa mo botshelong go sena sepe se se sekeng se diragala fela go sena dikgwetlho dipe.
O boletse fa mo kgwebong ya gagwe diji e le tsone mmaba mogolo, mme a tlhalosa fa kgwebo e tshwana fela le ngwana, e tlhoka tlhokomelo, boitshoko, boineelo le lorato mo go se o se dirang ka e le tsone tse di mo tiisang moko mo tirong ya gagwe ya malatsi otlhe.
“Ke tshwenngwa thata ke banana ba ba sa batleng go tshwara ka diatla mme ba ikaelela go adima marapo tshwene botshelo bo le bokete jaana mo malatsing a segompieno.
Banana ba ba feletsa ba utswa mo e bileng ba sa tshabe go tsena mo lwapeng ba utswa ditlhare,ka jalo ke kopa banana gore ba eme ka dinao ba itirele,”ga gakolola Mme Mokganedi.
O tsweletse ka gore o eletsa go ipona a dule mo lenaneong la go lemela fela mo tshingwaneng ya gagwe ya mo lwapeng mme a lemela mo tshimong e tona ka a batla go atolosa kgwebo ya gagwe.
Mme Mokganedi o tlhalositse fa motse wa Maun o dikaganyeditswe ke dihotele le madirelo a bojanala ka jalo a batla go itebaganya le go lema diherbs ka e le tsone tse di ratiwang bobe ke bajanala.
O feditse ka gore o tlaa tswelela a tshwere ka mowa o wa boipelego mo nakong e ramasedi a tlaa bong a santse a mo adimile yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshegilwe Killer
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2017






