Dibaesekele di fetola seeemo sa baithuti
11 Apr 2017
Morutabana mo sekoleng se segolwane sa Mogobane, Rre Ontiile Ntonga o kaile fa go tla thari mo baithuting ba ba tswang ko mafelong a a kgakala le sekole go fokotsegile fela thata morago ga gore khansele ya Borwa Botlhaba e ba abele dibaesekele.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Ntonga o tlhalositse gore baithuti ba, ba ne ba tlamega go tsamaya sekgala sa dikhilomithara di le masome a mabedi le bobedi, go ya sekoleng le go boa.
Morutabana o tsweletse a bolela gore se se ne se kgoreletsa dithuto tsa baithuti ka gore ba ne ba tsena thari mo go feteletseng, mo go le gantsi ba neng ba filhela dithuto le merapelo ya maphakela di simolotse e bile ba tla ba lapile, a re seemo se se ne se ama maduo a bone.
Fa a tswelela, Rre Ntonga o tlhalositse gore fa e sa le baithuti ba abelwa dibaesekele, ba goroga ka nako, e bile ba rotloetsega go tla sekoleng malatsi otlhe.
Mongwe wa baithuti ba ba abetsweng dibaesekele wa mophato wa boraro, Rapelang Mosetlheng a re go tswa Borotsi malatsi otlhe e ne e le kgwetlho mo go ene ka gore o ne a tsena a lapile mo go neng go dira gore a iphitlhele a robetse ka nako ya dithuto.
A re go tla sekoleng mo go ene go ne go kgona go mo itsapisa.
Mosetlheng o supile gore fa e sale a dirisa baesekele botshelo bo fetogile, ka gore o tsena ka nako mo sekolong le ko lapeng ebile e mo thusa go sidila mmele.
A re bothata jo a tleng a kopane le jone ka baesekele ke fa thaere e thubegile le go tlhoka pompo.
O kaile fa a thusiwa ke batsadi ba gagwe ka madi, go e baakanya fa e senyegile.
Go tswa mo mophatong wa bobedi, Alfred Senye ene o kaile fa a ne a bolawa ke letsapa la go ya sekoleng le go boela kwa Goora-Ratshiping malatsi otlhe, a re letsapa le ne le isa go tsaya karolo ga gagwe mo dithutong ko tlase.
A re mo bo gompienong botshelo bo fetogile ka gore ga a tlhokane le go rwala masigo ka tlhogo, o tsoga sentle a bo a ipaakanya a iketlile gore a tsene a lebega ko sekoleng.
Fa a ntsha la gagwe mortabana yo mogolwane Mme Siamisang Manda o tlhalositse gore khansele ya Borwa Botlhaba e ne ya abela sekole dibaesekele di le masome a mabedi ngwaga o o fetileng.
Mme Manda o kaile gore baithuti ba abelwa dibaesekele fa ba simolola mophato wa ntlha, mme e re fa ba fetsa mophato wa boraro ba di buse gore di tsewe ke ba bangwe.
A re dibaesekele tse di dirisiwa ke baithuti ba basimane le ba basetsana ba ba tswang ko mafelong a a kgakala jaaka, Borotsi, Lenkwana, Mojadife le a mangwe.
Go ya ka Mme Manda kgwetlho e ba nang le yone ke gore ba bangwe ba tshameka ka tsone, le gore ga go na mabeelo a a faphegileng a tsone fa baithuti ba le mo dithutong.
Mme Manda o tlhalositse gore ba rotloetsa batsadi go tsenya letsogo mo go thuseng bana ka madi fa dibaesekele di senyegile.
''Re ratile maiteko a khansele thata ka gore ba bone go tshwanela go re thusa, mo letlhokong le le neng le re apere, e le ntlha nngwe ya go tsisa pharologanyo mo matshelong a baithuti," a latlhela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : MOGOBANE
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2017






