Setlhopha se tlhagisa bakgweetsi ka metshameko
11 Apr 2017
Setlhopha sa bodiragatsi sa Tsedikgolo House Of Theatre go tswa kwa Mmankgodi se tsweletse ka letsholo la bone la go tsamaya le ruta setshaba ka ipabalelo tseleng ga mmogo le ditlamelo tsa Motor Vehicle Fund (MVA).
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA morago ga motshameko kwa motseng wa Moshaweng, moeteledipele wa setlhopha seo Rre Ishmael Leshetla a re ba dirile tumalano ya madi a selekanyo sa P248 000 mo ngwageng go etleediwa ke ba MVA gore ba tsamae mo metseng ya Kweneng ga mmogo le dikgaolwana tsa yone go ruta batho ka dilo tse di bakang dikotsi tsa tsela ga mmogo le gore o duelelwa bongaka fa o gobetse jang mo kotsing ya tsela.
Rre Leshetla a re mo motshamekong wa bone ba ruta batho kgathanong le lebelo le le fetileng selekanyo, go tlhoka go tsenya lebanta la pabalesego le la bana, go kgweetsa o nole, go kgweetsa o bua le mogala wa letheka ga mmogo le go kgweetsa o lapile.
“Lenaneo la MVA le re rutang batho ka lone le botlhokwa thata ka le go fa tlhokomelo ya botshelo jotlhe fa o gobetse mo kotsing ya tsela, eseng go go fa madi gore o ikise kokelong jaaka pele mme gompieno molwetse ga a amane le madi a bongaka gope ka gore lantlha batho ba ne ba dirisa madi ao botlhatswa," ga tlhalosa Rre Leshetla.
O tsweletse a bua gore ba oka tatedi ka go kwala mekwalo e e laletsang batho gore ba tle go ba bona ba diragatsa ga mmogo le go kopa bogogi jwa metse e ba e etelang gore ba laletse banni ba metse eo gore ba tle go itseela thuto ka botlalo.
A re gape ba dirisa diletso tsa mmino go oka tatedi ka e le nngwe ya dilo tse di dirang gore batho ba nne le keletso ya go ya go bona gore go eng kwa go lediwang teng, mme seo se dire gore banni ba nne le kgatlhego mo motshamekong wa bone.
Rre Leshetla a re mo metseng e ba setseng ba ile kwa go yone jaaka Thamaga, Kumakwane le Mmankgodi banni ba metse eo ba supile kgatlhego e e nametsang le go ba akgolela bodiragatsi jwa bone a tlatsa ka gore banni bangwe ba ne ba supa fa ba sa itse ka ditlamelo tsa MVA mme morago ga motshameko oo, le dithuto ba kgatlhegela go rutiwa ka ditlamelo tsa MVA ga mmogo le ipabalelo tseleng.
Mongwe wa banni Mme Gotshola Maruping a re o ithutile thata mo motshamekong oo gore go botlhokwa go ipabalela tseleng ga mmogo le go itse gore fa o gobetse mo kotsing ya tsela o duelelwa bongaka eseng go fiwa madi jaaka batho ntse ba itse.
Mme Maruping o rotloeditse banni ba metse e mengwe go tsaya melaetsa eo ka tlhwaafalo gore ba ikgaphe mo dikotsing tsa tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOSHAWENG
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2017






