Breaking News

Goitsemodimo o lebogile ba-na-le seabe

10 Apr 2017

Mowa wa bojammogo, tshwaragano le gone go lemoga ba ba tlhokileng lesego o tsweletse ka go tswa maduo.

Go supa seo, e ne ya re ka Matlhatso badiri ba sekole se sebotlana sa Pole ba abela Mme Goitsemodimo James yo e bileng e le monni wa motse oo ntlo e e nang le dikamore tsa borobalo di le pedi.

Fa a tlhalosa ka go agwa ga ntlo eo, Mme Masego Dithebe yo o neng e le moeteledipele wa tiro eo, o tlhalositse fa e rile ngogola ntlo ya ga Mme James ya jewa ke molelo.

“Morago ga gore ntlo ya ga Mme James e lore, re ne ra dumalana re le bodiredi jwa sekole sa Pole go thusa lelwapa le, mme fela jalo ka tshwaragano go tswa mo bogoging jwa motse le bone baithuti, re feletse re kgonne,” ga bolela Mme Dithebe.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba kgobokanya madi ka ditselana tse di farologanyeng di akaretsa mogwanto o o duelelwang o ba neng ba o dira go tswa mo Pole go ya Masukwane.

O ne a leboga ba ba ba thusitseng mo tirong eo; a iteela legofi segolo bogolo ba lekgotla la kabo-ditsha le ba koporase ya metsi ya Water Utilities go bo ba kgonne go tsenya seatla mo tirong e.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Gabriel Komboni yo o neng a le molalediwa wa tlotla mme e bile e le mongwe wa ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo, o kopile morafe ka kakaretso go tsaya malebela mo sekoleng sa Pole.

O supile fa bonno e le selo se se botlhokwa mo botshelong jwa motho ka bo mo fa seriti.

O ne a kgothatsa ba lelwapa la ga Mme James go tlhokomela mpho e ntle e ba e filweng.

“Ke solofela fa ntlo e ya marata go lejwa e tlaa tlhokomelesega e bile gape e tlaa seke e rekisiwe jaaka re atle re utlwe dipego tsa go tshwana le tseo,” a ikuela jalo.

E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Clinic Ketlogetswe wa motse wa Pole a tlhalosa fa mpho eo e le tsela nngwe ya go diragatsa lenaneo la ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama la go agela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo; a bolela fa go itumedisa go bo lenaneo leo le tsweletse sentle mme e bile le setse le kgonne go tlodisa Batswana ba le bantsi melatswana.

Mme James o tlhalositse fa a lebogela se a se diretsweng ke babereki ba sekole sa Pole ga mmogo le ba ba neng ba bona go le maleba go tsenya letsogo mo tirong eo.

O ne a tlhomamisetsa ba-tsena moletlo oo fa a tlaa tlhokomela ntlo eo.

Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart o ne a gwetlha Batswana go tswelela ba thusana, a bolela fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

O ne a galaletsa mowa wa setho o o supilweng ke ba sekole sa Pole.

Moletlo oo o ne o tshwaretswe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Kutlwelobotlhoko; seabe same mo setshabeng’. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Ditiro Kebapetse

Location : POLE

Event : Kabo ya Ntlo

Date : 10 Apr 2017