Thuo ya dinotshi e tlhoka bopelotelele
10 Apr 2017
Thuo ya dinotshi e batla motho yo o pelotelele, boitshoko le lorato mme e bogadi bo gaufi.
Mme Rachel Cloete wa Khuis kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa a re o ne a simolola thuo ya dinotshi morago ga gore rraagwe a tlhokafale ka 2006.
A re rraagwe ke ene a simolotseng kgwebo mme e rile a sena go tlhokafala a itlama ka botswapelo gore a tsweledise kgwebo ka a ne a na le lorato mo dinotshing.
O buile jaana mo potsolotsong a tlhalosa gore o rekisa mamepe, le di-tswa dinotshing mo lemepeng di tshwana le pholichi e e tshasiwang mo ntlong, semoto sa molomo le dikerese.
Mme Cloete o kaile fa a ise a itomaganye le ba mabentlele kana ba dikgwebo tse ditona go ba rekisetsa dithoto tsa gagwe mme go reka batho ba mo motseng wa gagwe le e e mabapi.
O tlhalositse gore o kgona go ya Gaborone a ya go rekisa fa go na le ditshupo tsa dikgwebo mme a dire madi a a nametsang.
A re kgwebo e na le dipoelo ka jaana bontlha bongwe a bo dirisa go reka bokoso e e tsenyang dinotshi mme a mangwe a a boloke.
O kaile fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone e le go ruela mo lwapeng mme go sa siama ka di kgona go gobatsa batho.
A re go na le diji tse di tlhorontshang dinotshi.
A re dinotshi ga di kgone go ntsha maduo mo selemong ka di a bo di sa bonale, a re se se dira gore kgwebo e seka ya nna le dipoelo tse di nametsang.
O tlhalositse gore dinotshi di dira sentle ka mariga, ke gone go nnang le botshelo mo kgwebong.
Mme Cloete yo o dingwaga tse di masome mane le bobedi o ne a ntsha kgakololo ya gore fa motho a itlama go tsena mo kgwebong o tshwanetse a bo a na le lorato le bopelotelele mo go se a se dirang gore go bonale maduo.
A re Batswana ba tshwanetse go supa ditiro tse ba nang le talente le bokgoni mo go tsone ka go dira ka diatla go itshetsa.
O ne a tlatsa ka go rotloetsa bomme go inaakanya le kgwebo, a kaya fa go na le mefuta e mentsi ya dikgwebo e ba ka ithusang ka yone le mananeo a puso a a farologanyeng a ba ka a dirisang go inamola mo lehumeng la nta ya tlhogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phenyo Mosidi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 10 Apr 2017






