Breaking News

Komiti e tswa ka methale ya go phutha dikoloto

10 Apr 2017

Kgang ya babereki ba puso ba ba tsenang ka lenga la seloko ba sa duela matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse ke selelo lefatshe leno ka bophara.

Le fa go ntse jalo, komiti ya ditlhabololo ya Chanoga mo Ngami ga e a nna fela ka jaana ba dule ka methale ya go phutha madi mo badirelapusong ba ba dirang jalo.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA, mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre Gaditshwane Kgantele o kaile fa ba sa rwala mabogo mo tlhogong fa ba lemoga fa babereki bangwe ba sia ba sa duela matlo a komiti mme ba lemogile fa go le botlhokwa go tswa ka maano a go bua le bahiri ba babereki bao.

Rre Kgantele a re maano a go bua le bahiri a ntsha maduo ka jaana ba kgonne go phutha dikoloto tse a reng di ne di setse di ba dira gore ba nne maoto a tshupa go baakanya le go tlhabolola matlo le go gokela mangwe a one motlakase.

A re mothale o mongwe o ba duleng ka one ke wa go bua le ba ba sa dueleng matlo matlho a phage a lebane gore ba utlwe mathata a bone.

O ne a tlatsa ka go re kgang ya batho ba ba sa dueleng matlo ga e ba jese diwelang ka e dira gore ditiro tsa bone di salele kwa morago.

“Re lekola ba ba nnang mo matlong a rona kgwedi le kgwedi re bo re utlwa mathata a bone, mme mo nakong eno ga go tshwane le dinako tsele ka jaana bonnyenyane re kgona go bo phutha,” ga bua Rre Kgantele.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oateng Sethodi wa Chanoga le ene o ne a gatelela mafoko ao, a supa fa methale eo e komiti ya ditlhabololo e duleng ka yone e ntsha maduo.

Kgosi o supile fa go le botlhokwa go bua le motho matlho a phage a lebane ka go ka dira gore fa mongwe a na le mathata a reediwe mme fa go kgonagala ba komiti ba mo thuse go a rarabolola, ka go se ope yo o tshelang a sena mathata.

O kgadile batho ba ba nnang mo matlong a komiti ya dithabololo mme ba tsena ka lenga la seloko a re golo moo ga go amogelesege ka jaana go phutlhamisa ditoro tsa dikomoti tsa ditlhabololo tsa go tlhabolola metse.

“Komiti ya ditlhabololo ke yone e itlhabololelang matlo a yone, go baakanya le go gokela motlakase mme fa batho ba sa duele matlo ao ba felela ba palelwa ke go diragatsa maikaelelo a bone”, ga bua kgosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : CHANOGA

Event : Potsolotso

Date : 10 Apr 2017