Kgosi Puso o buisana le banana
10 Apr 2017
Kgosi Puso wa Batlokwa o tlhalositse gore go ka nna molemo fa banana ba ka nna le botsalano le baeteledi pele jwa motse go anywa maele a botshelo le go tshwaraganela dikgwetlho tsa botshelo.
“Go botlhokwa gore banana ba itse fa lekgotla e se lefelo la ditsheko fela, ke lefelo le le direletsweng go aga Kagiso,” ga tlhalosa Kgosi.
Kgosi Puso o tlhalositse jaana mo bokopanong jo a neng a bo tshwere le banana ka Matlhatso kwa kgotleng ya motse, a supa fa go ka ba tswela mosola mo go rarabololeng mathata a bone motlhofo le go ba thusa ka tshidilo maikutlo.
O ne a tlhalosa fa go le maleba gore banana ba itse karolo ya bone mo motseng, ga mmogo itse ka botlhokwa jwa ngwao.
O ne a bolela gore go botlhokwa gore banana ba arogane dikgakololo le baeteledipele jwa motse go thusa mo ditlhabololong le diphetogo tsa motse.
O ne a supa ntlha ya gore ba age motse o o babalesegileng mo dirukhutlhing, mme se se ka kgonagala fa ba ka tshwaragana.
Kgosi Puso o boletse fa banana ba tshwanetse go tshwaraganela loeto lwa botshelo, ba thusane ka dikgakololo ka jaana se se ka ba tiisa moko.
“Bonnaka, motho o kgona ka thuso ya motho yo mongwe, kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa,” a tlhalosa.
O ne a ba gakolola gore ba seka banna maoto a tshupa mo go tokofatseng matshelo a bone.
O ne a supa matshwenyego mo kgolong ya mogare wa HIV/AIDS, a ba kgothatsa go itse boikarabelo jwa bone mo kgannyeng e.
O ne a tlhalosa fa e le selelo le khuranyo ya meno go bona bana ba dikole tse dipotlana ba latlha matshelo a bone ka go tlhakanela dikobo le banna ga mmogo le tiriso ya nno-tagi.
A re batsadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo matshelong a bana e seka ya nna morwalo wa barutabana fela.
Kgosi Puso o ne gakoloala batsadi go ruta bana ka ditsetlana tsa botshelo ba sale babotlana.
Kgosi Gaborone a re monana o tshwanetse a nna le boikarabelo, a sa tshabe go ikemela ka dinao go tsaya tshwetso e e lolameng e e tlaa tsisang maduo a a nametsang mo botshelong jwa gagwe le tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Refilwe Kerebotswe
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 10 Apr 2017






