Badiri ba WUC ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko
10 Apr 2017
Badiri ba khamphani ya metsi ya Water Utilities Cooperation ba lekalana la Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba abetse Kalakamati meriti e le mebedi ya maemelo a dibese.
Meriti eo ka bobedi e e lopileng P35 800, e ne ya rolelwa boteledipele jwa motse le morafe, kgwedi eno e supa mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Kalakamati.
Fa a rola semmuso meriti eo, mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya o ne a galaletsa tiro e ntle e e dirilweng ke WUC, a re ba supile fa ba sa itebaganya fela le tiro e ba e filweng ke puso ya go isa ditirelo tsa metsi kwa setshabeng.
Superintendent Ngayaya a re ba WUC ba dirile tiro e e tshwanelwang ke go galalediwa ka jaana meriti eo, e tlaa naya banni ba Kalakamati seriti, a tlatsa ka go re e tlaa solegela molemo le banni ba metse e e mabapi ba gangwe le gape ba dirisang tsela eo, e e ralalang Kalakamati ka jaana ba tlaa nna le fa ba tshabelang teng fa seemo sa loapi se sa iketla.
Superintendent Ngayaya o ne a kopa morafe go dirisa meriti eo ka fa tshwanelong, e seka ya dirisediwa borukutlhi, a bo a gwetlha ba ba ipapatsang ka dipampiri gore ba seka ba pega ipapatso ya bone mo meriting eo ka jaana e na le melaetsa e e botlhokwa e e amanang le ditirelo tsa WUC.
A re go dira jalo e tlaa bo e le go gotlhagotlhana le melaetsa ya WUC e bile ba rontsha setshaba melaetsa eo.
Superintendent Ngayaya o ne a bolela fa WUC e se la ntlha e dira tiro ya bopelotlhomogi, ka ba kile ba thusa mo mafelong a a farologaneng makgetho a le mmalwa.
Ka jalo, a ba rotloetsa go tswelela ka mowa oo wa go direla setshaba go ya go ileng, a bo gape a gwetlha makalana a mngwe go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke WUC.
Mothusa molaodi wa Bokone Botlhaba, Rre Collen Tubego le ene o ne a iteela legofi tiro ya WUC, a re ba dirile seabe se segolo thata sa go leka go sireletsa setshaba mo diemong tse di sa iketlang tsa loapi.
Mongwe wa dikgosana tsa Kalakamati, Kgosi Nlano Mbayi o ne a gakolola batsadi go kgalemela bana kgatlhanong le go kwala matlhapa mo meriting eo, mo e ka reng phelelong go dige seriti sa motse.
Badiri go tswa WUC, borre Modisaotsile Keetile le Percy Aabobe ba ne ba tlhalosa fa ba bone go le botlhakwa gore ba lemoge setshaba se ba direlang mo go sone go na le go itebaganya fela le tiro ya phatlalatso ya metsi.
Ba re le ntswa ba kopana le dikgwetlho mo maitlamong a bone di tshwana le go nna le letseno la madi fela ga ba ke ba neela tshwene marapo, ka jaana ba leka bojotlhe go kgona seelo sa bone.
Rre Aabobe a re go botlhokwa gore batho ba tsweledisa mowa wa bopelotlhomogi, go sa kgathalesege gore letseno la madi le kwa tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ditiro Kebapetse
Location : KALAKAMATI
Event : Donation
Date : 10 Apr 2017






