Breaking News

Anne-Stine e tlhophetswe komiti

10 Apr 2017

Sekole sa ba-na-le bogole sa Anne-Stine kwa Molepolole se se sa robalelwang ke ditlhokwa ka magatwe a madubadube le tsamaiso e e sokameng se tlhophetswe komiti e ntsha ya botsamaisi.

Phuthego ya bosheng e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, e ne ya tsaya tshwetso ya go tlhopha morago ga ditlhaloso tse di farologanyeng tsa morafe le bogogi jwa motse.

Kgosi Kgari III wa Bakwena o ne a gakolola ka botlhokwa jwa go tsweledisa tlhopho, a supa fa maiteko a dirilwe go leka go kopana le komiti ya pele morago ga matshwenyego a a neng a ntse a supiwa ke morafe ka madumadube a a dikaganyeditseng tsamaiso ya Anne-Stine.

Kgosi Kgari III o ne a supa fa a dumela gore morago ga o ke o tswa dipe ka go leba le ntlha ya gore e re ntswa maloko a ikgatholositse tumalano ya go tsisa tse di neng di dumalanwe, ga go ope wa bone yo o itshwentseng go tsibogela tumalano ya go tsena phuthego.

Ka jalo a kopa morafe go sekaseka seemo mme o tsee tswetso e e ka thusang go lere tharabololo ya go gatela pele go tsweledisa maikaelelo a sekole se a tlhometsweng.

Mafoko a ga kgosikgolo a ne a agelwa mosako ke bontsi jwa ba ba neng ba tsene phuthego, mo go bone go le bogakolodi jwa molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi yo o neng a supa fa seemo se se sa iketlang kwa sekoleng sa Annestine se tlhoka go potlakelwa go hema se go belaelwang e le go eteletsa maikutlo pele go ikgatholosiwa bana.

Raditogamaano wa kgaolo ya Mokwena, Rre Kabelo Ntopo o ne a thusa ka go bala molao-motheo wa Anne-Stine go supa fa e le tshwanelo gore komiti e tlhophiwe le ntswa bangwe ba dumela fa e kgologolo ise e felelwe ke lebaka.

Tlhaloso ya ga Rre Ntopo e ne ya supa fa maikaelelo e le go busetsa seemo mo mannong jaaka e le gore letsatsi la bofelo la Mopitlo  ke lone makgaolakgang a gore komiti e bo e tlhophilwe.

Kgosi Matlhabaphiri Matlhabaphiri wa kgotla ya ga Ranta o gateletse botlhokwa jwa tlhopho mme a kopa bogogi jwa kgaolo ya Mokwena go tsenya botsamaisi jwa sekole leitlho go tlhola gore a ruri ga se bone ba senyang.

Mme Dorcus Makwati le ene o gateletse botlhokwa jwa bogogi jwa kgaolo go tsibogela seemo sa sekole, a supa fa madubadube a a se dikaganyeditseng a ka kgoreletsa sekole go bona dithuso tse e ya reng kwa bofelong ba ba thusitsweng ba tlhoke dipego tse di tsepameng go tlhalosa ka fa dilo di dirilweng ka teng.

O kopile gore go dirwe ditlhotlhomiso go sekaseka se modi wa kgang go na le go alafa bolwetse fela.

Rre Tshiamonyana Molefhe ke mongwe wa ba ba neng ba sa dumalane le go tlhopha ka tumelo ya gore  komiti e kgologolo e ne e ise e felelwe ke lobaka lwa go ka tlhophololwa pele ga Phukwi a wela.

E re ntswa Kgosi Kgari III a ne a supa fa tumalano ya go tshwarwa ga phuthego e dirilwe le maloko a komiti e kgologolo, e e eteletsweng pele ke Rre Lebopo Panye, go ne go se ope wa maloko a komiti yo o neng a iponatsa.

Maiteko a go tshwara modulasetilo a ne a retela ka mogala o ne o sa tsene.

Rre Julius Dibeela o tlhophilwe go etelela pele komiti ya bogakolodi jwa sekole pele, a thusiwa ke Mme Winnie Nkonyane fa maemo a motsholamadi a ne a tsewa ke Rre Kgosi Motlhaping.

Maloko a mane a a tlatsang komiti ke Mme Boipelo Mahempe, Thumulano Leero, Konyana Mhaphi le motsadi Mme Gomotsegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Apr 2017