Breaking News

Kgosana o amogela thomo

10 Apr 2017

Kgosana Robert Tshukudu o amogetse thomo ya go etelela morafe wa Malotwana pele.

E ne ya re a mo supa mo morafeng ka labone, Kgosi Segale Linchwe a bolela fa Kgosana Tshukudu a tsaya mo go Kgosi Tlhowe yo o neng a supa fa a tlogela setilo sa bogosana mme morafe wa Malotwana wa tlhopha Kgosana Tshukudu.

Kgosi Segale o boletse fa Kgosana Tshukudu  a ne a tshwanetse go  simolola tiro kgwedi eno e le boraro mme a mo kopa gore a eme pele a tle a mo supe mo morafeng pele.

Kgosi Segale o mo kopile gore a tlhokomele morafe wa gagwe a seka a tsaya matlhakore a tsee batho ka tekatekano.

O ne a mo rotloetsa go reka dibukana tsa molao tse di amang bogosi gore a tle a nne le botsipa jwa go tsamaisa ofisi sentle, a tlhalosa fa dibukana tseo e le Penal Code, Bogosi Act le Customary Law.

A re dibukana tseo e nne tsone ditsala tsa gagwe.

O ne gape a mo kopa go ikgapha mo nnotaging, a tlhalosa fa moeteledipele a tshwanelwa ke go itshwara sentle gore morafe o mo tlotle, a tlatsa ka go re nnotagi ke yone e e tlhakatlhakanya dilo tsotlhe mo botshelong.

Kgosi Segale o ne a mo gakolola ka mananeo a puso a a boletseng fa a le botlhokwa thata mme a rotloetsa Kgosana Tshukudu go netefatsa gore o bitsa morafe go ba rotloetsa le go ba tlhalosetsa go a dirisa go itshetsa.

O ne a mo kopa go bereka sentle le dikomiti tse di mo motseng ga mmogo le badirelapuso.

E ne e ya re ba amogela kgosana, ba mo amogela ka lorato le kagiso.

Rre Moratiwa Tshukudu, yo e leng mogolowe kgosana, o boletse fa kgosana Tshukudu a tlhokana le kemonokeng ya morafe gore a tle a kgone go dira tiro ka bonokopila, a tlatsa ka go re o tlhophilwe ke Modimo.

O ne gape a gatelela kgang ya tshwaragano, a supa fa e le botlhokwa, mme o ne a rotloetsa Kgosana Tshukudu go tshwaraganya morafe wa Malotwana.

Mme Diteko Maxala o ne a leboga Kgosi Segale go bo a tsile go ba begela le go ba bontsha moeteledipele wa bone yo mosha.

O boletse fa mo malatsing a a sa tswang go feta ba ne ba sokola go sena kw ba bonang thuso teng mme a tlatsa ka go re o na le tsholofelo ya  gore ga ba na  go bona tshokolo eo gape ka moeteledipele wa bone o setse a gorogile.

Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara Thabo Komane o boletse fa go le mo maruding a kgosana  go tsaya boikarabelo jwa go etelela morafe pele.

O ne a tlhalosa fa go tlaa tswa mo go ene gore o isa motse oo kae ka dikgang tse di amang morafe wa gagwe.

O ne gape a mo gakolola ka kgang e e tlwaelesegileng ya magosi ba ba ganelelang mo setilong kana ba lwela bogosi mme o ne a mo rotloetsa gore a dire fela jaaka yo o sa tswang go tlogela setilo seo ka go neela yo mongwe ka kagiso go sena makgwere ape.

Mokhanselara Komane o ne a eleletsa Kgosana Tshukudu masego le matlhogonolo mo tirong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MALOTWANA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Apr 2017