Bese e bakile dikgobalo
09 Apr 2017
E rile bosheng Bese e e neng e tswa Moiyabana e ya Serowe e ne ya tswa mo taolong mme ya baka dikgobalo tse dipotlana.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mogolwane wa mapodisi a pharakano wa kgaolo ya District No.2 kwa Serowe, Superintendent Milidzani Mbayi o tlhalositse fa bese eo, e e pegang bapalami ba le masome mabedi le botlhano, e ne ya tswa mo taolong morago ga go palelwa ke go
ema fa makopanelong a tsela ya Old Sekgoma.
Rre Mbayi o ne a tlhalosa fa mokgweetsi wa bese eo, a kaile fa a ne a lekile go e emisa mme ga retela mo e feletseng e dule mo tseleng.
A re bapalami bangwe ba ne ba bona dikgobalo tse dipotlana mo tiragalong eo.
Rre Mbayi o supile matshwenyego ka bakgweetsi ba ba sa obameleng matshwao a tsela le go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng, a re se ke nngwe ya tse di bakang dikotsi.
A re badirisi ba tsela eo ba tshwanetse go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe. Rre Mbayi o kaile gape gore kotsi ya mofuta o ga se ya ntlha go diragala fa makopanelong a tsela eo.
Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se bakile kotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebogang Mogami
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 09 Apr 2017






