Mapodisi a kopa kemonokeng
09 Apr 2017
Borukhutlhi mo Palapye bo apesitse banni kobo ka letshoba
E rile a bua kwa kgotleng ya Boikago mo Palapye, mothusa ramapodise a Palapye, Assistant Superintendent Molemi Seitei a re dipalo tsa borukhutlhi bo tshwana le go amoga batho dithoto, go utswa leruo, dititeo le go thubetsa di ile magoletsa.
A re mo dikgweding tse tharo tsa monongwaga dipalo di oketsegile ga raro fa di tshwantshannga le tsa ngogola.
A re tshenyo ya gompieno ga e diragale mo malwapeng fela, batho ba phamolelwa di-tsa bone kwa dintshong, mo manyalong, marekisetso le mo ditseleng.
O kopile morafe go emisa go reka dilwana mo bathong ba sa tlhotlhomisa gore di tswa kae, bogolo jang megala ya letheka ka di tlaa ba tsenya mo mathateng.
O ne a kopa banni ba kgotla eo gore ba thuse mapodisi go lwantsha seemo.
Rre Seitei o tlhalositse gore batho ba ka kgona go lwantsha borukutlhi fa ba ikopantse le baagasanyi, e re fa yo mongwe a se yo, yo mongwe a bo a sala a tlhokometse go bona se se diragalang mo ntlong ya yo mongwe.
A re matshwenyego ke gore gantsi batho o fitlhela ba bapile mme ba sa itsane ka gore ga ba ke ba buisana,a re selo seo se borai mo matshelong a bone ka gore le fa yo mongwe a ka tlhaselwa ga go kgonege gore ba thusane le fa a thubelwa yo mongwe a seo ga a kgone go tlhaba
mokgosi.
Fa a bua ka bogodu jwa leruo, a re jone bo bakwa ke barui ba ba latlhelelang leruo mo badiseng ba se ke ba ya morakeng.
A re bangwe ba thapa batswakwa ba ba se nang diteseletso kwa merakeng e bo e re fa ba utswetswe ba bo ba tshaba go ya go ikuela ka gore le bone ba ka tshwarwa.
A re bone fa gongwe fa ba tsamaya mo nageng ba bona ntlo ba a tse na bare ba kope metsi o tlaa bona motho a betsega ka lobelo a sia.
E rile fa ba akgela, banni ba supile fa borukutlhi bo dirwa thata ke banana ka gore ga ba kgalemelwe mo malwapeng.
Mme Mmaheile Mothuo o ne a bolela fa bogodu jwa leruo bo se kake jwa fela ka gore bo dirwa ke bagolo ba tshwaragane le bana ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 09 Apr 2017






