Breaking News

Ikileleng go hema molato

09 Apr 2017

Mookamela mapodisi a Serule, Rre Lesole Mosimane o gakolotse banni ba Dimajwe ba ba sekisediwang molato wa go ikokoanya mo go seng ka fa molaong le go tsosa dikgoberego go ikgapha mo go amegeng mo melatong epe ka se se ka ba bakela mathata. 

 

Banni ba, ba ba leng 37 ka palo, ba ne ba tshegediwa ke mapodisi kgwedi e e fetileng morago ga go amega mo tlhaselong ya morui wa kgaolo ya bone mabapi le go timela ga lekawana la motse oo.

 

Ba ne ba keteka morui yo ba bo ba tshuba koloi ya gagwe, mme morago lekawana le le neng le sa bonwe la bonwa kwa merakeng ya Letlhakane.

 

E ne ya re Moranang a tlhola ga rataro banni ba, ba itshupa fa pele ga lekgotla kwa Selebi Phikwe kwa ba neng ba letlelelwa go emela tsheko kwa ntle.

 

Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go iponagatsa botlhe fa ba lekgotla ba ba ba batla. 

 

Rre Mosimane o ne a ba bega fa pele ga ga kgosi ya bone.

 

O ne a gakolola botlhe ba ba amegang mo kgannyeng e gore ntswa ba tlaa bo ba le mo Dimajwe, go melao e ba tshwanetseng go e obamela.

 

“Bangwe ba a itse gore le filwe melawana e e ntseng jang, mme e bile bangwe ba tlaa le kgopakgopetsa gore le iphitlhele le le mo molatong, ka jalo ke kopa le ikilele.”

 

Rre Mosimane a re mo Botswana batho ba lekana fela ga go na yo o fetang yo mongwe, kana yo o nang le ditshwanelo tsa go gataka tsa yo mongwe ka dinao.

 

Mookamela mapodise o ne a ba gakolola gore ba obamele melawana ya bone, a re phoso e dirwa ke motho e bile e baakanngwa ke motho. 

 

O ne a ba gakolola go nna Batswana ba ba sekao ka go dira tshiamo.

 

Supt Mosimane o ne a ba gakolola gore ba ya go ipega Moranang a le 27, a re ba netefatse gore mongwe le mongwe o teng e seng jalo ba tlaa tlhatlhelwa.

 

A re motho o ka paledisiwa ke mabaka a le mabedi; fa a tlhokafetse kana a lwala, mme e bile go na le mokwalo wa ngaka.

 

Rre Mosimane a re lefatshe la Dimajwe ke la botlhe, e bile botlhe ba tshwanetse go netefatsa gore dilo di tsamaya ka thelelo.

 

Rre Mosimane a re le fa go ntse jalo, ga go ree gore ba tshwanetse go kgobiwa ka dipuo, ka ba se molato go fitlhelela lekgotla le ba atlhola.

 

Rre Kehakae Mompati wa ngwaga tse 74 o ne a gakolola bangwe ka ene gore fa go na le mongwe yo o nang le mogopolo mongwe a itshupe ka ba sa batle go rothegelwa ke madi a kgofa.

 

“Bangwe re senyegetswe ke ditiro, ba bangwe ga re a tlhagola kwa masimo, dijalo tsa rona di jelwe. 

 

Re ikutlwetse ga re sa batla mathata. Ke a le kopa betsho, a re ikgapheng mo melatong,” ga gatelela Rre Mompati.

 

Kgosi Kebadiretse Kebonemang o ne a amogela banni bao, a ba rotloetsa go sala dikgato tse ba di beetsweng a re ba batla kagiso mo motseng.

 

Kgosi o ne a ba rurifaletsa fa sepe se sa fetoga ka bone, a re e santse e le banni ba Dimajwe.

 

O ne a gakolola banana bogolo jang go ikela tlhoko ka ba lejwa e le batho ba gantsi ba gogelang kwa thoko.

 

O ne a ba gakolola go nna podi matseba, bogolo jang mo dikgakololong tse di sa siamang. 

 

A re ba dirise molao fa ba bonang go na le tshokamo.

 

Kgosi Kebonemang a re o na le pelaelo ya gore go na le bagakolodi ba ba seng mo tseleng, bogolo jang fa go na le dikgang tsa go timela ga motho, a gakolola batho ba gagwe go ela tlhoko batho ba ba fuduang ba bangwe maikutlo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : DIMAJWE

Event : Potsolotso

Date : 09 Apr 2017