Choppies e thubilwe
09 Apr 2017
Lebentlele la Choppies kwa Shakawe le thubilwe la bo la thukuthiwa madi a a ka tshwarang P111 347 mo go one go le diranta di ka tshwara R13 400.
Mo potsolotsong ka Labotlhano, motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Shakawe, Superintendent Amos Solomon, a re lebentlele leo le thubilwe bosigo jwa kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane.
A re magodu a go belaelwang a ne a le mabedi, a tsene ka phatlha e ba e segileng kwa godimo ga disenke tsa marekisetso ao mme ba senya lebati la ofisi e go bolokelwang mo go yone.
Supritendent Solomon o supile fa dilalome tseo di kgaotse alarm le dikapa-ditshwantsho, ba thuntsha mabolokelo a madi le go utswa madi ao ga mmogo le CCTV receiver mme ba tsena ka lenga la seloko.
Supritendent Solomon o kopile ope yo o ka tswang a itse sengwe ka magodu ao go ba loma tsebe kana a ikopanye le mapodisi a a gaufi.
O ne a gakolola bagwebi go boloka madi kwa dibankeng go na le go boloka madi a mantsi mo lebentleng, a supa fa seo se le borai.
Supritendent Solomon o ne gape a rotloetsa bagwebi go thapa badisa-dikago ba bantsi gore ba kgone go tlhokomela marekisetso, segolo bogolo ka malatsi a paseka a le gaufi mme a tshabelelwang ke borukutlhi.
A re gape ba tshwanetse go dirisa didirisiwa tse di thata mo kagong gore go seka ga nna motlhofo go thuba.
Mo go tse dingwe Supt Solomon o supile matshwenyego tebang le bana ba ba thumang mo nokeng ya Okavango, a supa fa e sa sireletsega ka e na le dikwena.
O supile fa dikwena tseo di fetsa leruo.
A re pitse ya sepodisi e ne ya namolwa ke ba lephata la diphologolo le makgabisa naga morago ga go wela mo leganong la kwena, ka jalo a gakolola banni go tlhokomela bana ba bone.
Supritendent Solomon o kopile banni go ikgapha le go disa leruo la bone gore ba tle ba kgone go lemoga fa le nyeletse, a tlhalosa fa dikwena di le dintsi thata mo nokeng e e fetang kwa morago ga Ditlhapi Guest House. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesentseng Baagedi
Location : SHAKAWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Apr 2017






