Kgosi Kgakanyane o tlaa gagamatsa molao
17 Jun 2013
Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina mo kgaolong potlana ya Tutume a re dipolaano le borukutlhi jwa banana di ka fokodiwa ke go gagamatsa molao.
Mo puisanong le BOPA bosheng, kgosi o ne a tlhalosa fa a lemogile fa bontsi jwa dikgang tse a di amogelang e le tse di diraragalelang kwa marekisetsong a nnotagi.
A re o ikaeletse go gagamaletsa badira melato botlhe ba ba a bong ba itshietse bojalwa ka a na le lebaka a kgalema ka nno-tagi. Kgosi a re banana ka bontsi ba ikaeletse ditiro tsa borukutlhi mme ba ipata ka gore ba dirisiwa bogodu le tse dingwe tsa botlhoka tsebe ke letlhoko la ditiro le go itebatsa mathata a lehuma.
A re ba bua jalo le mororo go na le mananeo a puso a nyeletso lehuma a ba sa a kgatlhegeleng, gape a re se se mo gakgamatsang ke gore banana, le ba re ba tlhoka ditiro jaana madi a bojalwa one ba sa a tlhoke.
O ne gape a bolela fa go tlhokega gore batsadi le bone ba thuse go kgalemela bana ka Setswana se re mabogo dinku a a thebana, ba seka ba itshupa fela fa ba utlwa fa ngwana wa bone a dirile molato kana a golafaletse mo bojalweng, a tlhalosa fa bontsi jwa batsadi ba bonala dilo di ile masweng fela.
Kgosi Kgakanyane o ne a bolela gape fa bontsi jwa dintwa le dipolaano tsa baratani ba banana di kukediwa ke bojalwa. Kgosi o kaile fa a tshwenngwa ke dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekolo se segolwane sa Shangano kwa Sebina, segolo bogolo ba basetsena.
O ne a tlhalosa fa ba tlogelwa ka lebaka la go ima mme e le maduo a bojalwa. Kgosi o ne a tlhalosa gape gore fa go ne go ka nna le badirela puso ba ba lebelelang bana ba dikole mo marekisetsong a bojalwa, dipalo tsa bana ba ba itisang kwa marekisetsong a bojwala di ne di ka fokotsega.
Kgosi a re ka jalo, o bua a menne phatla gore fa a ka tshwara motho a dirile molato a bo a re ke bojalwa, o tlaa mo tseela dikgato tse di gagametseng.
O ne a kopa kemo nokeng ya morafe otlhe wa motse go kgalema bana le go ba kaetsa tsela e e siameng ka a ka se kgone a le nosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kagiso Hunyepa
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 17 Jun 2013






