Kgosi Kebinatshwene Mosielele o tlaa apara nkwe
09 Apr 2017
Kgosi wa Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Thamaga, Kgosi Gobuamang Gobuamang o sa tswa go bolela fa morafe mongwe le mongwe mo Botswana o na le tshwanelo ya go somarela ngwao ya one jaaka molao motheo o supa.
Kgosi Gobuamang o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Manyana, kwa morafe wa Bahurutshe o ipaakanyetsang go apesa Kgosi Kebinatshwene Mosielele nkwe, Lwetse a tlhola gabedi.
A re ka ngwao ya Sehurutshe, go tlhokafala ga ga Kgosi Mareko Mosielele ka 2015, go fa Kgosi Kebinatshwene tshwanelo ya go apara nkwe, a tlhalosa fa ngwao e ne e sa mo letle go e apara fa rraagwe a sa le botshelong le ntswa setilo sone a ne a se mo roletse.
A re go botlhokwa gore ba apese kgosi nkwe go ya ka ngwao ya bone jaaka moswi Kgosi Mareko Mosielele a ne a apesiwa nkwe mme ya re morago a tlogela tiro ka 2010 a neela morwawe, Kgosi Kebinatshwene setilo.
Kgosi Gobuamang o supile fa merafe mo Botswana ka go farologana e na le dingwao tse di farologaneng tse ba eletsang go di somarela.
“Nna ke le Mokgatla wa ga Mmanaana, morwa Diratsame ke na le ngwao e e sa tshwaneng le ya Mongwaketse, ka jalo ga go ope yo o tshwanelwang ke go nthontsha ditshwanelo tsa me,” Kgosi Gobuamang a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo, dikgang di ne tsa nna mafaratlhatlha fa Bahurutshe ba rerisa Kgosi Malope II le Bangwaketse gore ba apesa kgosi ya Bahurutshe nkwe, Bangwaketse ba ganana le morero ba re lefatshe ke la bone, ga ba amogele seo.
Kgosi Gobuamang o boletse fa le ene a ne a nna le mathata kwa Kweneng ba gana a apara nkwe mme kgang ya felela kwa kgotleng ya ditsheko mme ya mo letla gore a apare ka e le tshwanelo ya gagwe.
O ne a bolela fa Kgosi Seeletso Pule wa Gabane le ene a apere nkwe mo lefatsheng la Bakwena.
Kgosi Gobuamang a re go botlhokwa gore ba buisane e le Batswana ba seka ba lwa.
“Re teng a re buisaneng re seka ra lwa ka gore se se botlhokwa ke go itse fa rotlhe re le Batswana e bile go le botlhokwa go dibelana,” Kgosi a gakolola.
Ya re a latlhela tlhware logonnyana, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a tlhalosa fa kgaolo ya ga Ngwaketse e na le merafe ka go farologana jaaka Bakgalagadi, Bakgatla, Barolong, Bahurutshe, le Bangwaketse, mme a re ba tlotla Kgosi Malope II ka jaana go ya ka ngwao ya Sehurutshe ke ene kgosikgolo fela mo kgaolong ya ga Ngwaketse.
O boletse gore ga ba a tshwanela go gataka ditshwanelo tsa merafe e mengwe e ba agileng le yone.
A re Bangwaketse ba tshwanetse go ba tlotla fela jaaka le bone ba ba tlotla le ditshwanelo tsa bone.
Kgosi Mosielele o boletse fa ba sa tsee lefatshe mme ba dirisa le go somarela ngwao ya Sehurutshe ka go apesa Mohurutshe nkwe.
O boletse fa e le tshwanelo ya bone go somarela ngwao jaaka molao-motheo o supa.
“Re eletsa go tshela le Kgosi Malope II, re mo tlotla e bile re mo thusa go aga kgaolo, mme go rontsha Bahurutshe go diragatsa ngwao ya bone e tlaabo e le go gataka ditshwanelo tsa ba babgwe,” Kgosi a gakolola.
Kgosi Mosielele gape o tlhalositse fa molao wa dikgaolwana kgotsa Tribal Territory Act e ba letla e le merafe go itsamaisetsa merero ya bone go ya ka dingwao tsa bone.
E ne e rile go le pele, Kgosi Robert Mangope a re ba setse ba rerisitse Kgosi Malope II mme kopo eo ya seka ya amogelesega, mme ba boa go ya go rolela morafe wa Bahurutshe, o o mo dipaakanyong tsa go apesa kgosi ba sa lebe kwa morago.
Kgosi Magope, yo e leng mothusi wa ga Kgosi Kebinatshwene, o boletse fa ba ne ba sa re ba tsaya lefatshe le melelwane ya Bangwaketse fa e se go apesa nkwe fela e le ngwao ya Sehurutshe.
A re e le Bahurutshe, ga ba eletse fa kgang eo e ka ya go felela kwa makgotleng a ditsheko ka jaana a dumela gore ba ka kgona go e rarabolola ka neelano.
O boletse gape gore ba tsweletse ka dipaakanyo ka go kopa dithuso go baakanyetsa kapeso ya kgosi.
A re kgotlana nngwe le nngwe kwa Manyana e kopilwe go ntsha P50 tlhogo ya motho.
A re dikomiti di dirilwe go baakanya e bile tiro e a go tlhoka P350 000, fa go solofetswe batho ba ka nna 2 000, mme ba kopa dikgomo mo baruing le dikgosana, a tlatsa ka go re go solofetswe baeng go tswa khutleng tse nne tsa lefatshe. O boletse fa merero e tsweletse e bile go rerisitswe Bahurutshe ba Namibia, Afrika Borwa, Tsabong le Tonota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MANYANA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 09 Apr 2017






