Breaking News

Kgathi o rotloetsa tiriso ya diofisi

09 Apr 2017

Tona wa itshireletso, molao le thokgamo, Rre Shaw Kgathi o rotloeditse banni ba kgaolo ya Kgalagadi go kopa dithuso kwa diofising tsa Legal Aid Botswana go ithuta le go tlhaloganya ka tsa molao le go akola ditirelo tsa lone. 

 

Rre Kgathi o buile jalo bosheng kwa pulo semmusong ya diofisi tseo kwa Tsabong.

 

Diofisi tsa Tsabong tsa Legal Aid ke tsa ntlha go bulwa semmuso mo go tse di le teng kwa Gaborone, Kasane, Maun le Francistown.

 

Tona Kgathi o tlhalositse fa puso e ne ya tsaya tshwetso ya go simolodisa ditirelo tsa Legal Aid ka 2011, morago ga go lemoga fa Batswana ba tlhoka dithuso tsa semolao.

 

A re Legal Aid Botswana ke lekalana le le thusang ka ditirelo tsa semolao, jaaka bogakolodi, dikgakololo tsa ditsheko le babueledi go emela Batswana kwa makgotleng a ditsheko a bomakaseterata.

 

Rre Kgathi o boletse fa lekalana la Legal Aid Botswana le ikemetse mme le thusiwa ke puso ka madi, go thusa Batswana ka ditirelo di akaretsa tsa malwapa jaaka tlhalo, kgokgontsho ya mo lwapeng le dikgang tsa boswa, dikgang tsa pereko, dikgang tsa lefatshe, ditumalano, ditshenyegelo le tse dingwe.

 

O kaile fa lekalana le, le thusa Batswana botlhe ba ba senang itsholelo ya go ipatlela babueledi le gore ga le duelwe.

 

Tona o tlhalositse fa lekalana leo, le sa thuse ka babueledi mo ditshekong tsa borukutlhi, dikgang tse di kwa makgotleng a Setswana, go thujwa ga malwapa le tse dingwe.

 

Tona Kgathi o boletse fa ditirelo tsa lekalana leo di kgatlhegelwa ke Batswana ka mo nakong eno le setse le thusitse batho ba ka feta 16 000 lefatshe ka bophara.

 

Mookamedi wa Legal Aid Botswana, Rre Peter Brits one a tlhalosa gore ba itemogetse gore Batswana ba tlhoka dithuso tsa molao le babueledi go ba thusa mo ditshekong, ke ka moo ba neng ba itlama go bula diofisi go isa ditlamelo kwa Batswaneng.

 

A re maranyane a Mobi-Site a a tlaa simolodisiwang a tlaa thusa Batswana go romela dikopo tsa bone mme ba bone phetolo ka bofefo le go bala ka ditirelo tsa Legal Aid.

 

O supile gape fa ba tlaa tsenya mo tirisong nomore ya mahala gore Batswana ba ba kgakala le diofisi ba kgone go ba leletsa.

 

Rre Brits a re ba tlaa tswelela ba isa dithuto kwa Batswaneng ka go etela metse le metsana ba ruta ka mosola wa Legal Aid Botswana le go amogela ba ba nang le kgatlhego.

 

Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre Frans Van Der Westhuizen o lebogetse Tona Kgathi go bo a bone go le botlhokwa go bula diofisi tseo ka pele, ka go ne go turela banni ba Kgalagadi go di latela kgakala le gore jaanong ba tlaa kgona go tlhaloganya botoka ka lekalana la Legal Aid Botswana.

Rre Van Der Westhuizen o supile matshwenyego ka terata ya molelwane, a kaya fa e tlhoka go ntshafadiwa, le gore ga go na tirisanyo mmogo mo lefatsheng la Afrika Borwa le Botswana mo dikgannyeng tsa bogodu jwa loruo fa lo tlodisitswe molelwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phenyo Mosidi

Location : TSABONG

Event : Pulo semmuso ya diofisi

Date : 09 Apr 2017