Breaking News

Ba Mookane ba kgatlhanong le peo ya kgosi

06 Apr 2017

Banni ba motse wa Mookane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba boletse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Kgosi Silas Keitumetse fa ba le kgatlhanong le go bewa ga ga Mme Borumolano Tshipana mo setilong sa bogosi jwa motse wa bone.

Ba re e re ntswa ba supile mo diphuthegong di le mmalwa go balelwa le e ba neng ba e kopanetse le Kgosi Serogola Seretse gore ba kgatlhanong le go bewa ga ga Mme Tshipana mo setilong sa bogosi, ba swabisiwa ke go bona baeteledipele ba motse wa bone ba ba susumetsa kgosi e ba sa e tlhophang.

Batho bao, ba ba neng ba akaretsa Rre Boitshwarelo Tau, Rre Senyegang Osia, Rre Ramaijana Mannaesi, Mme Orelebile Thebe le Rre Robert, ba tlhalositse mo phuthegong e mo go yone Kgosi Keitumetse a neng a ba lekodisa ka kgang ya go baakanyetsa moletlo wa go baya kgosi mo setilong semmuso, gore fa ba ka patelediwa kgosi ba tlaa felela ba tsere tshwetso ya go emisa go tsena diphuthego tsa kgotla.

Ba ne ba kopa baeteledipele ba motse wa bone go sekaseka go nama ba emisitse go rulaganyetsa moletlo wa go tlhoma kgosi semmuso ka jaana e le morafe ba setse ba isitse ngongorego ya bone kwa go motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato kwa Serowe.

E ne e rile go le pele Kgosi Keitumetse a tlhalosetsa morafe fa maikaelelo a phuthego eo e le go lekodisa morafe ka dithulaganyo tsa go baakanyetsa moletlo wa go amogela kgosi semmuso le ntswa a sale a tlhomilwe mo setilong ke kgosi Serogola Seretse ngogola ka Phalane.

A  re le ntswa morafe o supa dingongorego tsa go tlhoka go rerisiwa, ga ba a tshwanela go itshwara ka tsela e e seng yone ka jaana ba tlaa bo ba le kgatlhanong le molao. Kgosi Gaselemogwe Molefi o tlhalositse mo phuthegong eo gore e le ba lelwapa la bogosi ba ne ba dumalana gore Mme Tshipana a neelwe bogosi jwa Mookane go kaba phatlha ya ga Kgosi Tshipana Tshipana yo e leng motsadi wa gagwe.

Kgosi Molefi o rile e le ba lelwapa la bogosi ba kopa morafe go ba inela diatla metsing ka go tlhoka go ba lekodisa ka morero wa go tlhopha kgosi ntswa e le tshwanelo ya bone go dira jalo. ENDS

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MOOKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Apr 2017