Breaking News

Kgosi o lela ka lenyora

06 Apr 2017

Kgosi wa Mopipi mo kgaolong potlana ya Boteti, Rre Kesogofetse Patelelo a re ga ba robadiwe ke lenyora.

Kgosi Patelelo o buile jalo mo potsolotsong le Bopa, a tlhalosa gore ba na le dibeke di le tharo ba se na metsi mo motseng.

A re seemo se, se baka gore banni ba ipitlhele ba anwa metsi a a a sa sireletsegang mo megobeng le mo dikhuting, selo se a reng o tshoga gore se tlaa ba tsisetsa malwetse.

Rre Patelelo a re seemo se se ama bobe dikole ka jaana fa gongwe bana ba a busiwa go sena metsi a a ba apeelang .

Kgosi Patelelo o supileng ba koporase ya metsi ka monwana  a re le fa  go ntse jaana ga ba buisane le bone go ba lekodisa ka seemo.

A re fa e sale ba re diphaephe tsa sediba di thubegile fa kgang e e simologa ga go na maiteko ape a ba a dirileng.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mopipi, Rre Bakani  Itani le ene o tlhalositse fa letlhoko le la metsi le ba amile thata ka jaana sekole se na le bana ba ba nnang mo sekolong .

Rre Itani a re le fa ba koporase ya metsi ba ba siela metse ka koloi, ga go a lekana ka gore a dirisiwa ke bana ba sekole le babereki  mo matlong a bone.

A re matlwana a boitiketso ke a a dirisang metsi, ka jalo ga ba kgone go a dirisa ka lebaka la tlhaelo ya metsi.

O ne gape a re temo ya bana, e ba tshwanetseng go tlhatlhojwa mo go yone  mo kgweding eno le yone  e amegile .

Mongwe wa banni ba Mopipi, Rre Justin Otimile  o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke seemo sa metsi  a a nnang a se yo kgapetsakgapetsa mo go bakang gore ba nne le kakanyo ya gore ba koporase ya metsi ga ba kgathale ka matshelo a bone.

Mogolwane wa koporase ya metsi, Rre Simon Simon o  tlhalositse  fa seemo se sa metsi  se bakilwe ke gore dipompo tsa metsi di wele morago ga merwalela ya dipula tsa Dineo mme a solofetsa fa seemo se tlaa boela mannong mo nakong e e sa fedising pelo  ka jaana ba tsweletse ka go baakanya.

Rre Simon a re le fa go ntse jalo, ba ntse ba leka go thusa dikole le kokelwano ka go ba siela metsi ka koloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : KEF

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 06 Apr 2017