Ba re morero ga o a tsamaya sentle
17 Jun 2013
Bakwena bangwe ga ba dumalane le mogopolo wa gore go epiwe lefuti la mantswe a a tsileng go dirisiwa go aga maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa masimong a Mantsho.
Ba re morero wa go fiwa tetla ga o a tsamaya sentle ka gore khamphani ya Greenforth e tsere mebu ya tekeletso mo tshimong nngwe kwa masimong ao mong yone a sa rerisiwa.
Ba ngongoregetse seo bosheng mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke ba lephata la tshekatsheko ya go amega ga tikologo, mo patlong maikutlo a morafe mabapi le kepo ya mantswe.
E ne ya re bosheng khamphani ya Greenforth e e tsileng go aga maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa Molepolole, ya kopa ba khamphani ya Geo Environment Exellence go ba sekasekela lefatshe ba bo ba ba fa tetla ya go epa lekgarapana le mantswe go simolola dikago tsa maemelo a dibese.
E rile a rolela morafe kgang e, moitseanape wa di-tswa mmung, Rre Lawrence Masoga, yo o neng a emetse Geo Environment Excellence, a tlhalosa gore e rile ba ntse ba sekaseka, ba fitlhela mmu o ba o batlang kwa masimong a Mantsho, magareng ga Molepolole le Mmanoko.
Rre Masoga a re e rile go goroga kwa Mantsho, ba ikopanya le baagi ba ba bapileng le lefelo le mmu o bonweng mo go lone, mme karabo e ba e filweng ya nna gore ga le na mong.
O bile a nankola maina a batho ba, ke ka moo ba neng ba ya kwa go ba kabo ditsha go kopa gore ba ba tshegeletse setsha seo fa bone ba sa ntse ba ile go tsaya maikutlo a ba ba amegang.
A re, go ne go le maleba gore ba agelele tshimo gore mong wa yone a tle a iponatse pele ga ba kabo ditsha ba ka ba abela lefelo leo kgotsa pele ga khamphani e e agang e ka simolola go epa. O tsweletse ka gore go agelela e ne e se gore ba beilwe setsha, e ne e le go tshegetsa setsha fela, ba emetse go utlwa maikutlo a setshaba ka kgang eo.
Moemedi wa Greenforth, Rre Tefo Oabile, o ne a tlhalosetsa morafe gore fa ba sena go epa, go sekasekwa gore lehuti leo jaanong le ka dirisediwa eng, e bile go ka dirwa jang go hema dikotsi tse di ka bakwang ke lefuti leo. Rre Oabile o ne a fa sekai ka gore lefuti leo e ka nna letamo le go nosiwang leruo mo go lone.
O tsweletse a tsibosa morafe gore fa khamphani e tlaabo e tsweletse e epa, banni ba ka bona diphatlha tsa ditiro le gore dikoloi tsa bone di ka thapiwa tsa thusa ka go rora mantswe le mmu. Mo godimo ga moo Rre Oabile o ne a tlhalosa gore Rakonteraka o kgona go thusa ka mantswe kgotsa lekgarapana fa mongwe wa banni a tlhoka go a dirisa.
Le fa go ntse jalo, Rre Eddie Rantshilo o ne a supa gore golo fa go kailweng ke tshimo ya gagwe ya boswa jwa ga mmaagwe. A re ga a a rerisiwa e bile nkukuagwe o fitlhetswe teng. O kaile gape gore go na le melatswana e e tshelang mo tamong e e fa tshimong ya bone.
A botsa gore fa e le gore go a epiwa, go ya go diragala eng ka letamo leo. O ne a fetsa ka gore ga a dumalane le kgang eo. Magosi le borara jotlhe jwa motse, ba ne ba dumalana gore khamphani eo e ikgate motlhala, e ye go dira tsamaiso e e lolameng e bue le botlhe ba ba amegang.
Ba re ntswa tlhabololo eo e tsile go fetola matshelo, kgang kgolo ke gore tsamaiso ga e a salwa morago. Ba ne ba ngongoregela le gore Molepolole o dikologilwe ke mahuti a mantsi a go epiwang matlapa mo go one mme a le borai mo leruong le batho e bile a oka dirukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya patlo maikutlo
Date : 17 Jun 2013






