Monna o fithetso a akgega mo setlhareng
06 Apr 2017
Monna wa dingwaga tse di masome a mane o fitlhetswe a akgega mo setlhareng maitseboa a Mosupologo kwa Dekar mo Kgaolong ya Ghanzi bokone.
Mogolwane wa mapodisi kwa Ghanzi, Assistant Superintendent Modiro Lekone a re monna yoo o bonwe ke mofeti ka tsela mme a begela ba bangwe mo motseng.
A re moswi o tlholega kwa Verda. Setopo sa gagwe se santse se emetswe go bonwa ke ba bongaka kwa Ghanzi mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Lekone a re e ne ya re Mosupologo ka nako ya bone maitseboa mo tseleng ya Ghanzi/Grootlagte koloi ya Toyata Vits ya pitikologa, morago ga gore mokgweetsi wa yone a latlhegelwa ke taolo.
O tlhalositse fa koloi eo e ne e le koloi ya setshaba (taxi) e hirisitswe.
Rre Lekone a re ka lesego ga gona yo o tlhokafetseng fa rre yo mongwe a ne a bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong mme a ragosediwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone .
A re mokgweetsi wa koloi eo o ne a bona dikgobalo mo legetleng mme o santse a robaditswe kwa kokelong ya Ghanzi.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 06 Apr 2017






