Banni ba Lobatse ba ngongoregela therisanyo
06 Apr 2017
Mokhanselara wa Peleng Legare, Rre Monabana Mokganedi a re banni ba Lobatse ga ba tshabe diphetogo, mme ba eletsa go akarediwa mo mererong ya ditsamaiso tse di ba amang.
Rre Mokganedi o boletse jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogokaganyi wa motshine wa ditlhopo, Rre Gabriel Seeletso mo Lobatse ka Mosupologo.
Rre Mokganedi a re bone ba lebogela motshine o o tlhophisang, mme fela ba kopa gore mo nakong e e tlang ditshwetso tse di ntseng jaana di ne di dirwa go sena go rerisiwa Batswana pele.
O ne a tlhalosa fa batlhophi ba ikemiseditse go dirisa motshine; mme a re ithutuntsho e a tlhokega gore mongwe le mongwe a nne le kitso ka tiriso ya one.
Mongwe wa banni ba Lobatse, Rre Solly Diphoko o ne a latlhela la gagwe a re patlo maikutlo e ne e tshwanetse gore e kabo e dirilwe go tsaya megopolo mo batlhophing gore le bone ba latlhele se ba nang le sone ka fa ba eletsang gore tsamaiso ya motshine e nne ka teng fa ba dumalana le one.
Rre Diphoko a re ba romile mapalamente kwa palamenteng go ya go ba buelelela e seng go tsaya ditshwetso ba sa ba rerisa.
E rile a fetola, Rre Seeletso a re mapalamente ke baeteledipele e bile ke batsadi, a re motsadi o kgona go tseela bana ditshwetso mo lapeng le fa ba se yo, a itse gore tshwetso e a e tsayang e ka ba solegela molemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onneile Ntokolo
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Apr 2017






