Badirelapuso ba kolota komiti ya dithabololo
06 Apr 2017
Badirelapuso ba ba direlang kwa motsing wa Mookane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, go bolelwa fa ba kolota komiti ya ditlhabololo tsa P43 000.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Oagile Mofokeng, a re bontsi jwa batho ba ba nnang mo matlong a VDC, mme ba sa kgone go duela sentle ke barutabana ba sekole se segolwane sa Mookane, mapodisi ga mmogo le baoki.
Rre Mofokeng o tlhalositse mo potsolotsong gore bangwe ba badirelapuso ba ba kolotang komiti ya gagwe ba fuduseditswe kwa dikgaolong di sele ka tiro, mme a bolela fa seo se ba ketefaletsa go ikgolaganya le badiri bao.
A re ka ntlha ya go tlhoka go duela boroko sentle ga barutabana, mapodisi le baoki, ba retelelwa ke go dira ditlhabololo.
Le fa babegadikgang ba sa kgona go ikgolaganya le mogolwane wa kokelwana ya Mookane le mogokgo mabapi le kgang e, gone mogolwane wa sepodisi kwa Mookane, Sub Inspector Norman Ntena o boletse fa e le boammaaruri badiri bangwe ba kolota VDC.
E rile Rre Mofokeng a itebagantse le madi a a tlaa abelwang dikgaolo tsa botlhophi, a bolela fa Mookane A abetswe P1.3 million yo o tlaa dirisiwang go aga matlwana a borutelo a le mabedi mo sekoleng se sebotlana le go tsenya dipone mo motsing.
A re dingwe tsa ditiro tse komiti ya gagwe e tlaa di dirang ka lenaneo la Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2017/18 ke kago ya maobo mo dikgotlaneng, go tokafatsa seemo sa ditsela mo motsing, go ntsha ditlhare mo ditseleng tse di yang kwa masimo le go shafatsa community centre.
Rre Mofokeng a re le ntswa ditiro tsa Ipelegeng di tsamaya sentle, o tshwenngwa ke tiego ya go neelwa dikatso ga maloko a komiti ya ditlhabololo le mororo ba dirile tiro ka botswerere e bile ba tsena diphuthego tsa komiti ka fa tshwanelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MOOKANE
Event : Potsolotso
Date : 06 Apr 2017






