Breaking News

Mabelo a dipitse a tsosolosa ngwao

06 Apr 2017

Barui ba meraka ya Samedupi, Xobe le Thamalakane mo Maun ba ne ba tshwara mabelo a dipitse le ditonki ka mafelo a beke kwa Dikgatlhong go tsosolosa ngwao.

Morulaganyi wa mabelo, Rre Botsologile Thutoetsile a re mogopolo o ba o tsweledisitse morago ga go bona fa ba sa kgone go iteisana borathana le dipitse tse dingwe mo mabelong a Mascom.

O tlhalositse mo potsolotsong gone kwa mabelong a re bone e le barui ba Bokone Bophirima ba tshegetsa mabelo a go tiisa ngwao le segabone ka ba tlholega ba tshwara phadisano e ya mabelo.

 “Re ne re bona kwa Mascom derby re sa kgone, ka jalo ra ikopanya re le barui go kgobokanya madi go tshwara mabelo a,” a tlhalosa. A re ba ne ba ithaopa ka sengwe le sengwe se motho a se tshotseng gore ba kgone go tshwara mabelo.

Pitse e ne e kwadisiwa ka P150, fa tonki e ne e kwadisiwa ka P50. Rre Thutoetsile a re morago ga go lebelela gore madi a a dirilweng ke bokae, ba tlaa bo ba a kgaoganya ka maemo a teng.

Pitse e e fentseng e ne ya gapa P400 fa tonki yone e ne ya tsaya P150.

Ka ntlha ya go tlhoka fa dipitse di ka sianelang teng, mabelo a a ne a le mo tseleng ya moraka wa Dikgatlhong.

Rre Thutoetsile o tlhalosa fa mabelo a, a le mosola fela thata mo go bone e le balemi-barui ka go a ba kopanya, mme e bile go fokotsa le jone bogodu mo kgaolong ya bone.

A re o eletsa gore mo dingwageng tse di tlang ba bo ba na le fa ba ka tshwarelang dikgaisanyo tsa mofuta o teng.

Mongwe wa bafenyi ba dikgaisanyo tse, Rre Gaonyadiwe Keilwe o ne a tlhalosa fa a itumetse thata go bona ba le mo kgaolong ya bone go itlosa bodutu.

A re o eletsa go bona mabelo a mo dikgaolong a tokafala gore a kgone go oka batho ba le bantsi.

Rre Keilwe o ne a supa fa kwa Mascom Derby dipitse tsa teng di le mo sekaleng se se kwa godimo, ka jalo bone e le barui ba Bokone Bophirima ba felela ba sa kgone go tsaya karolo.

Ka jone boleng jo bo kwa tlase jwa dipitse tsa bone, Rre Thutoetsile a re o eletsa go bona puso e rotloetsa barui ba dipitse gore le bone ba kgone go itshetsa ka se ba nang le sone fela jaaka dikgwebo tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 06 Apr 2017