Go tlhokafetse ba le bararo
06 Apr 2017
Mogolwane wa mapodisi a Kalkfontein mo kgaolong-potlana ya Charleshill, Sub Inspector Pogiso Toteng a re dikotsi tsa tsela tse pedi di gapile matshelo a batho ba le bararo bosheng.
Sub Inspector Toteng a re nngwe ya dikotsi tseo e diragetse ka Matlhatso maitseboa mo tseleng ya Kalkfontein/Ghanzi fa mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Ipsum a latlhegelwa ke taolo e bo e pitikologa, mme mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le borataro a latlhegelwa ke botshelo.
A re koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano, mme bapagami ba le bararo ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana fa mosadi yo mongwe a ne a robega serope mme a isiwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone.
A re moswi o tlholega kwa Dikar mo kgaolong ya Ghanzi Bokone. Sub Inspector Toteng o tlhalositse fa kotsi e nngwe e diragetse ka Labone wa beke e e fetileng bosigo ka nako ya borobabongwe mo tseleng ya Ncojane/Kalkfontein fa koloi ya modiro wa
Surf e ne ya pitikologa morago ga gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo. A re go ne ga tlhokafala rre wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro le wa mokgweetsi wa dingwaga tse di masome mararo.
Moswi yo mongwe o tlholega kwa Charleshill fa yo mongwe ene e le morutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Ncojane ene a tlholega kwa Mochudi.
Sub Inspector a re koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano mme ba le babedi ba ne ba bona dikgobalo tse dipotlana fa a le mongwe a ne a isiwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone ka dikgobalo tse di masisi.
Rre Toteng o ne a kopa bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe a re lobelo le le feteletseng bosigo le na le seabe se setona mo dikotsing tsa tsela.
Mo godimo ga moo, a re dintsho tseo gape di bakilwe ke gore batho bao ba ne ba sa dirise mabante ka gore botlhe ka boraro dikoloi di ne di ba kgwile.
Sub Inspector Toteng a re mo tiragalong e nngwe bosigo jwa Laboraro monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro o ne a latela ntsalae wa dingwaga tse di masome mane le bosupa kwa lwapeng la gagwe a feta a mo keteka a ba a tsaya P1 000 le dilotlele tsa koloi ya gagwe.
Rre Toteng a re rre yoo, yo e bileng e le monalebogole, o ne a begela mapodisi mme mmelaelwa a tshwarwa mo Ghanzi.
A re ditlhotlhomiso di weditswe mme go emetswe tsheko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 06 Apr 2017






