Breaking News

Tona o akgola balemi ba Thamaga

06 Apr 2017

Tona wa tsa pereko, bonatla le tokafatso dikitso e bile e le mopalamente wa Thamaga/Kumakwane,  Rre Tshenolo Mabeo o akgoletse balemi-barui ba Thamaga go supa mowa wa lorato le bopelotlhomogi ka go abela balwetse ba kokelo ya Thamaga dijo di akaretsa mmidi, magapu, makgomane le tse dingwe.

E rile fa a bua mo moletlong wa kamogelo dijo tseo, Tona Mabeo a tlhalosa fa seo e le tiro e ntle ya go aga botsalano magareng ga balwetse le balemi.

Ga se gantsi re bona tiro ya mofuta o e diragala mo Thamaga. Ke tiro ya ntlha mme e bile re a le akgola balemi, re le kgothatsa go tswelela le dira ka natla.

Go molemo go bona le gopola balwetse ba ba mo sepatela ka jaana bone ba ka se ke ba kgone go ya go baya tema, ” ga akgola Rre Mabeo.

O ne a bolela fa lefatshe leno le tlhokana le balemi-barui ba ba tlhoafetseng ka jaana puso e atolositse letsogo go ba thusa mme se ba ka se dirisa e le sebaka sa go bereka ka thata le go ntsha thobo e ntsi.

“Temo-thuo e tlhokana le batho ba ba berekang ka natla e bile ba na le lerato mo go yone. A re itekeng re dirise mananeo a a ntsheditsweng balemi-barui mo lefatsheng leno go intsha mo lehumeng.”

O kgothaditse balemi-barui go dirisa maranyane a temo-thuo go reetsa loapi go itse ka dipula kgotsa leuba le le tlaa tlang, a tlhalosa fa seo se ka thusa mo nakong e e siameng ya go lema le mo thobong. 

Modulasetilo wa lekgotlana la balemi ba Kweneng Borwa, Mme Segomotso Mallege, o ne a tlhalosa fa balemi ba Thamaga Botlhaba ba ne ba na le keletso ya go abela balwetse mo sepateleng sa Thamaga, sebe sa phiri e ne e le leuba la dingwaga tse di fetileng.

O ne a tlhalosa fa Modimo a arabile dithapelo tsa bone monongwaga ka jaana thobo e ne ya nna e e nametsang mme ba bona fa e le sone sebaka sa go abela balwetse.

“Re gwetlhilwe ke lerato le letshego la tebelopele le le buang ka tshaba e e kutlwelobotlhoko.

Re le balemi-barui, re thusiwa ke puso, ka jalo, re ne ra bona go le botlhokwa go fa ba ba sa kgoneng go ya go baya ditema ka ntlha ya bolwetse” ga Tlhalosa Mallege.

Mme Mallege o ne a tswelela a kgothatsa balemi-barui ka ene go ititaya ka thupana go tlhoafalela temo-thuo ka jaana e le selo se se ka fetolang matshelo a bone.

O ne a bolela fa go tshwenya go bona balemi bangwe ba baya ditema mme morago ba boele  magaeng ba tlogela tema e sala e senngwa ke dinonyane.

Mookamela kokelo ya Thamaga, Rre Jacques Tshimbalanga o ne a supa fa ba itumeletse tiro e e dirilweng ke balemi ba Thamaga e bile a supa fa seo se agile tirisano ya motia magareng ga bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : THAMAGA

Event : Moletlo

Date : 06 Apr 2017