Ba kopa tona go rera le bogogi
05 Apr 2017
Khansele ya Bokone Bophirima e ne e thibile thi! Morafe o tshologile ka bontsi go tla go itseela ka tsebe se tona wa tikologo, tshomarelo di-tsa tlholego le bojanala, Rre Tshekedi Khama a tlang a se tshotse mabapi le dikgang tse di amang kgaolo ya bone.
Bokopano joo bo ne bo tshwanetse go simolola mo mosong mme ka maswabi molaetsa wa goroga o supa fa tona a tlaa buisa khansele ka nako ya bone mo tshokologong, mme e re ka makhanselara ga mmogo le bangwe ba motse ba ne ba mo nyoretswe, ba ne ba leta ka dipelo tse ditelele go fitlhelela nako e goroga.
Motshwarelela bogosi joo Tawana, Kgosi Kealetile Moremi le mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Kosta Markus le bone ba ne ba tsile bokopano joo.
E ne e rile go le pele, khansele ya leka makgetho a le mantsi go laletsa tona go tla go ba buisa ka dikgang tse di amang kgaolo ya bone mme ga retela ka jaana go ne go bolelwa fa a tshwerwe ke ditiro tse dingwe tsa puso. Ya re tona a goroga le lekoko la gagwe, ba fitlhela kago ya khansele ya matlhatlaganyane e thibile kwa godimo le kwa tlase go letilwe ka tshisibalo e e kwa godimo.
Nngwe ya dikgang kgolo e e neng e phuthile matshwititshwiti ao ya bo e le go emisiwa ga thekiso ya ditlhapi tse di omeletseng kwa ntle ga lefatshe.
Pele ga ba begela tona matshwenyego a kgaolo, makhanselara ba supa fa ba sa itumelele ditshwetso tsa ga tona ka jaana a sa rerise bogogi jwa kgaolo le fa e le ba ba amegang.
Ba ne ba tlhalosa fa morafe o tsile ka bokete ka jaana le one o tshwenyega ka ditshwetso dingwe tse di ba bayang ka fa mosing mme go sena morero.
Ba mo itsisitse fa lephata la gagwe le tshwere matshelo a batho ba Ngamiland mme ba gatelela botlhokwa jwa go tsibogela dilelo tsa bone fa ba itela.
Ba re fela jaaka lephata la dkgaolo le tlhabololo magae le re batho pele, le ene o tshwanetse a itse fa motho a tla pele.
Mothusa modulasetilo wa khansele, Rre Lathang Molonda o ne a supa fa go swabisa go utlwa ka ditshwetso tsa lephata mo mekgwatheng le ntswa ba tshwaraganetse tiro le tona.
O kopile tona go akaretsa bogogi mo dikgannyeng tse di amang kgaolo, a supa dikai ka kgang ya ditlhapi gore ngogola ba ne ba utlwa fela ka podi ya tsela gore di emisitswe mme gompieno ba utlwa gape gore thekiso ya ditlhapi tse di omileng kwa mafatsheng a sele e emisitswe go sena morero.
Rre Molonda a re tona o tshwanetse go tlhaloganya gore kgaolo ya bone ke ya bojanala e bile ba bo tseela kwa godimo ka jaana bo na le seabe se setona mo itsholelong ya lefatshe leno, ka jalo go botlhokwa gore sepe se se amanang le kgaolo ba se bewe pele go se sekaseka pele ga tshwetso e ka dirwa.
Mo godimo ga moo, o tlhalositse gape fa banni ba kgaolo eo ba aperwe ke lehuma la nta e tshetlha mme bangwe ba itshetsa ka di-tsa tlholego.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Abel Molelo ene o ne a kopa tona gore a batle letsatsi a tle go buisa boo Tawana kwa kgotleng kgolo ka jaana le bone ba mo nyoretswe ka go bo dikgang di le mafaratlhatlha di tlhoka dikarabo.
Dingwe tsa dikgang tse di tshwenyang thata mo kgaolong ke kgotlhang ya diphologolo le batho ka jaana bangwe ba lela ka go re di ba senyetsa masimo.
Rre Molelo le ene o ne a lela ka dipalo tsa ditlou tse a reng di dintsi thata e bile di tlhorontsha banni mme a kopa gore di fokodiwe.
E ne ya re a ba kgwa kgaba, tona Khama a dumalana le bone gore dikgang dingwe ba ka di kgona mmogo ka go tla ka megopolo e e ka sekasekwang pele ga ba tsaya ditshwetso.
A re go ya pele o tlaa nna a kopana kgapetsakgapetsa le bogogi ga mmogo le ba-na leseabe go buisanya ka dikgang tsa kgaolo.
Kwa bofelong makhanselara bangwe ba ne ba kopa tona go busetsa morago tshwetso ya go emisiwa ga thekiso ya ditlhapi kwa mafatsheng a sele mme tona a tlhalosa fa go tshwanelwa ke go nnela kgang eo fa fatshe le ba Lake Ngami Trust ka a e rerile le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Puisano ya khansele
Date : 05 Apr 2017






