Matlotla a rotloetsa borukutlhi
05 Apr 2017
Matlotla ke sengwe sa dilo tse gantsi di rotloetsang borukhuthi e bile di baya matshelo a batho mo kotsing le go leswafatsa tikologo.
Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa sepodisi kwa Mochudi, Supt Olebile Sitale o netefaditse fa go kile ga nna le borukutlhi jo bo diragala mo matlotleng a a fitlhelwang kwa kgaolong ya Kgatleng.
Supt Sitale a re ba kwadisitse dikgang di le dintsi tsa go itseela dikobo ka dikgokale tse dingwe tse ba fitlhetseng go fitlhilwe dithoto tsa bogodu mo go one.
O thalositse fa mo gongwe ba fitlhela batho ba ba tseneng mo lefatsheng ka bokukuntshwane ba ntshitse matlotla bonno jwa bone.
Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha kwa Kgatleng, Rre Diteko Paki o kaile fa dipalo tsa matlotla mo Kgatleng di tshwenya.
Rre Paki a re matlotla ka bontsi ga a kwadisiwa e bile go batla beng ke kgwetlho.
O kaile fa gantsi matlotla ao e le a boswa, a re nako tse dingwe go fitlhelwa a lwelwa, ka jalo go sa dumalanwa gore go sale mang mo lwapeng mme go felele go tlogetswe fela go fitlhelela go onala.
A re matlotla a mangwe ke a batho ba ba sa leng ba ya go bereka kwa mafatsheng a sele, bogolo jang kwa Aferika Borwa.
“Batho ba ba saleng ba tlogela malwapa go thata go itomaganya le bone.
Re lekile go ba batla, re dirisa metswedi ya dikgang, re buisa diphuthego tsa dikgotla le maphatana a rona a kabo ditsha mo kgaolong a gasa molaetsa oo mme ga go nko e tswang lemina,” Rre Paki a tlhalosa.
Rre Paki a re lenaneo la LAPCAS ke lone le ba lemotshitseng matlotla a a mo Kgatleng e bile ba itse kwa a teng le dipalo tsa one.
O tlhalosa fa matlotla a farologana; go na le a bogologolo le a bosheng, go na le a dikgwebo, a masimo le a bonno.
Rre Paki o tlhalositse fa ba kgona go tseela batho ba ba tlogelang matlotla dikgato.
A re fa lefatshe le sa dirisiwe le ka boela lekgotla la kabo ditsha mme ba le abele baikopedi ba bangwe.
A re ba setse ba kile ba tsaya ditsha tse di sa tlhabololwang, a tlhalosa fa go agelela setsha, go tsenya metsi le go aga ntlwana ya boithomelo e se go tlhabolola.
O ne a kaya fa go aga ntlo ya borobalo e le gone go tlhabolola setsha.
Rre Paki o supile fa ba sena dipuisanyo dipe mo ditsheng tsa kgwebo tse di abilweng mme di sa tlhabololwe.
A re ba di gapa mo lebakeng la ngwaga go ya go tse pedi mme a re sa bonno sone ba se gapa morago ga dingwaga tse tlhano mme fela ba kgona go sekasekela motho ba bo ba mo fa sebaka sa go tlhabolola.
Le fa go ntse jalo, o ne a gatelela fa lekgotla le rotloetsa batho go tlhabolola ditsha ka mananeo a puso a tshwana la SHHA le a mangwe go itsa go gapiwa.
O rotloeditse setshaba go tlhabolola magae, a re go dira jalo go ka tlhabolola tebego ya lefatshe, le go fokotsa borukutlhi jo bo diragalang mo ditsheng tse di sa tlhabololwang kgotsa tse di tlogetsweng go fitlhela di nna matlotla.
O ne gape a rotloetsa ba ba sa kwadisang ditsha go di kwadisa, a re go kwadisiwa ditsha tsotlhe di akaretsa tsa masimo, dikgwebo le tsa bonno.
Rre Paki o gateletse botlhokwa jwa go aba boswa ka nako go itsa ketsaetsego le dintwa fa batsadi ba sena go tlhokafala, a tlatsa ka go re bana le bone ba tlhokomele malwapa a batsadi mo khularong ya bone.
Mme Lydia Segwati wa Mochudi, o kaile fa matlotla a a mo tikologong ya bone a le dingwaga di feta masome a mane le botlhano a le teng, a tlatsa ka go re a rotloetssa botlhokatsebe jwa bana.
Mme Segwati o tlhalositse fa a oka dirukutlhi go beela dithoto tsa bogodu mme le bana ba gogela motokwane mo go one.
A re matlotla ao a oka thaka e tshesane go tswa kwa dikgotleng tse dingwe mme ba dire dilo tse di duleng mo tseleng mo go one, selo se a reng ga se ba jese diwelang ka ba sa phuthologe go dira ditiro tsa bone ba tshaba magodu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 05 Apr 2017






