Breaking News

Balemi ga ba kgatlhegele ditshupo

05 Apr 2017

Mogolwane mo lephateng le le itebagantseng le go rotloetsa theko le thekiso ya di-tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Emang Orapeleng a re o ngomolwa pelo ke dipalo tse di boutsana tsa balemi-barui ba ba kgatlhegelang ditshupo tsa kgaolo tsa temo-thuo.

Mme Orapeleng o ntshitse matshwenyego a fa a buisana le BOPA morago ga ditshupo tsa temo-thuo tse di neng di tshwerwe ka mafelo a beke e e fetileng kwa Francistown Horticultural Grounds.

O tlhalositse gore le mororo kgaolo eo e le nngwe ya dikgaolo tse di tumileng ka go ikaega ka temo-thuo, ke balemi-barui ba le lesome le boraro fela ba ba neng ba supile kgatlhego mo ditshupong tseo.

Mme Orapeleng o tlhalositse fa palo e, e le kwa tlase go na le jaaka go ne go solofetswe, ka jaana dipula e ne e le tse di namagadi lefatshe ka bophara.

O supa fa a sa tlhaloganye gore matsapa e ka tswa e le eng go bo balemi-barui ba sa kgatlhegele go tsenelela ditshupo.

O supile fa ba lekile ka bojotlhe go dira mo go tlhokegang go ngoka balemi-barui go tsaya karolo mo ditshupong mme ba ba swabisa.

Mme Orapeleng o tlhalositse fa balemi-barui ba ba lesome le boraro bao ba kgonne go dira dipoelo tsa P5 736 mo dithotong tse di farologanyeng.

A re ba aga ba tshwara ditshupo tse morago ga dikgwedi tse tharo ka maikaelelo a go rotloetsa balemi-barui go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo, ka jaana go setse go itshupile gore e ka nna le seabe se segolo go fetola matshelo a bone le go tswakanya itsholelo ya lefatshe.

O tlhalosa fa ditshupo tse di thusa balemi-barui go phunyeletsa mmaraka wa dithoto tsa bone mono gae le kwa ntle.

“Ditshupo tse gape di fa balemi- barui sebaka sa go kopana ka bobone go abelana maele le dikitso tsa temo-thuo gore kgabagare ba ntshe dijo tse di lekaneng e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo,” a bua jalo.

O ne a tlatsa ka go re go ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo go ka ba fa sebaka go phadisanya le balemi-barui ba mafatshe a sele.

Mme Orapeleng o supile fa ba ka seke ba kgobege marapo mo maikaelelong a bone e bile ba tlaa tswelela ba ruta ba bo ba lemotsha balemi-barui botlhokwa jwa go supa di-tsa temo-thuo.

Mongwe wa balemi, Rre Keakantsemang Danaye, yo o lemang merogo kwa masimong a Matenge, o supile fa ditshupo tseo di mo file sebaka go ka kwatabolotsa thuto mo baleming ka ene, a re seo se tlaa mo thusa go godisa kitso ya gagwe ya temo ya merogo.

A re le fa tshologelo e ne e le kwa tlase, o kgonne go bona bareki.

Rre Danaye o kopile gore mo isagong balemi-barui ba akarediwe mo go baakanyetseng ditshupo.

A re seo se ka thusa go dira ipapatso e e nonofileng go ngoka balemi-barui ba bangwe go supa di-tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 05 Apr 2017